Puso e lemoga botlhokwa jwa ngwao
26 May 2014
Mopalamente wa Tonota Bokone, Rre Fidelis Molao a re le fa go na le dintlha dingwe tse di saletseng morago mo ngwaong, puso e lemoga botlhokwa jwa go e somarela.
Rre Molao o buile jalo Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le boraro kwa Mmea mo moletlong wa ngwao wa merafe ya metse e e kgakala le ditlamelo e akaretsa Khwee, Kedia, Xere, Mokubilo le one wa Mmea.
A re dintlha di tshwana le go rutwa ka diteme tse di farologaneng mo dikoleng di saletse morago, mme a tlhalosa fa seemo seo se sa tshwanela go kgoreletsa merafe ka go farologana go ipela ka puo le go supa ngwao ka mmino le dijo.
Rre Molao a re ba lephata la thuto ba rotloetsa gore bana ba ba simololang dikole mme ba sa tlhaloganye sentle puo ya Setswana kgotsa ya sekgoa ba tlhalosediwe pele ka teme ya batsadi ba bone gore ba kgone go tlhaloganya ka bofefo.
O tsweletse a rotloeditsa batsadi gore jaaka ba tsweletse ba kopa puso gore e fetole tsamaiso gore diteme tsotlhe di kgone go rutwa kwa dikoleng, ba seka ba lebala seabe sa bone sa go tswelela ba rotloetsa bana go bua diteme tseo kwa malwapeng.
A re le fa gone di sa rutwe kwa dikoleng, di tshwanetse di buiwe kwa malwapeng go na le gore di itsiwe ke bagolo fela.
Rre Molao a re go tlhoka go ruta bana puo ke gone jaaka ba latlha ngwao.
O supile gore moletlo wa go kokoanya merafe ya diteme tse di tsamaelanang jaaka go dirilwe ke morafe wa letso la Sesarwa, ke tsela ya go somarela le go rotloetsa Batswana go tshegetsa ngwao.
Le fa go ntse jalo, Rre Molao a re moletlo oo, o mo rutile go lemoga gore merafe ya Basarwa e e tswang mo kgaolong potlana ya Boteti ba bua puo ya bone ka tsela e farologaneng.
Rre Molao a re ngwao e botlhokwa ka gore e ruta ngwana setho le gore go botlhokwa go bua puo ya gaeno ka gore e fa motho seriti.
Rre Molao a re le fa puo ya Setswana e le yone e e tumileng ka e rutwa mo dikoleng, merafe e seka ya itsapa go supa ngwao ka ditsela tse dingwe jaaka mmino, kapari, dijo gammogo le tsamaiso ya lenyalo.
Mopalamente o tlhalositse gape gore puso e na le lenaneo le le faphegileng la go thusa merafe ya metse e e kgakala le ditlamelo gore ba kgone go itepatepanya le diphetogo tsa segompieno.
O ba rotloeditse gore jaaka puso e tla ka mananeo a faphegileng go ba atumetsa ditlhabololo, ba tshwanetse go ema ka dinao ba rotloetse bana go ithuta gore mo isagong ba dire go bonala go tlhabolola metse e ba tswang mo go yone.
A re maikaelelo ke go goroga kwa ngwageng wa 2016 merafe ka go farologana e rutegile e bile ba kgona go dirisa thuto eo go tlhabolola le go somarela ngwao ya bone.
O supile gape gore go ithuta ngwao tsa merafe e mengwe go botlhokwa mme go dirwe ka kelelelo go itsa go nyeletsa dingwao tsa mo gae go akarediwa diteme.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati a re, moletlo wa ngwao o fa merafe ya metse e e kgakala le ditlamelo go itlhabolola le gone go iketsha bodutu.
Le gale a re moletlo wa go nna jaana o tshwanetse gape wa dirisiwa e le tsela ya go dira madi go tlhabolola matshelo e seng go nna wa dijo le mmino fela.
Le fa go ntse jalo, Rre Porati o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa gore merafe ya metse e e kgakala le ditlamelo ba senya nako e ntsi ka go intontela nnotagi ba sa dire ka thata go tsosolosa ngwao ka go dira tse ba itsiweng ka tsone jaaka go betla, go loga ditlatlana le mekgabisa e mengwe ka go farologana, botaki le mmino o o supang ngwao ya bone.
Rre Porati a re go nwa bojalwa mo go feteletseng le go goga motsoko go ba kgoreletsa go itirela ka go koafatsa mebele ya bone mme ba felele ba sa kgone go itirela ka diatla ntswa ba humile kitso. O tlhalositse fa nnotagi e tla nna sekgoreletsi mo maitekong a bone a go tsosolosa ngwao.
O tsweletse a re bangwe ba ba neng e le ditswerere tsa kopelo le go bina ba setse ba sa kgone, ba fedile mantswe ke nnotagi le tiriso ya motsoko fa bangwe ba tsenwe ke makoa a a ba paledisang go supa botswerere jwa bone jaaka ba ne ba kgona pele.
Kgosi wa motse wa Mmea, Rre Paulsen Keitlhaganetse o supile fa go rulaganngwa ga letsatsi la ngwao ele selo se setona se ba ntseng ba se emetse e bile se tla itumedisa le badimo ba merafe ya Sesarwa.
Kgosi Keitlhaganetse o supile gape gore se se dirilweng ke motlhala wa go simolodisa le go supa maikaelelo a go somarela ngwao.
Rre Keitlhaganetse o tlhalositse fa moletlo o kopantse merafe ya Basarwa gore ba kgone go ipela ba le mmogo ka mmino, dijo, puo ga mmogo le kapari. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : LETLHAKANE
Event : Moletlo wa ngwao
Date : 26 May 2014