Breaking News

Baithuti ba supa kutlwelo botlhoko

26 May 2014

Baithuti ba sekolo sa Boitekanelo, ba ba neng ba le mo ithutuntshong kwa Masunga ba sa tswa go araba pitso ya Tautona wa lefatshe leno ya gore Batswana ba emane nokeng tebang le go lwantsha lehuma.

Baithuti bao ba supile seabe sa bone kgwedi eno e le lesome le borataro jaaka ba ne ba rolela mme mongwe wa motlhoki wa Masunga, Mme Naiko Tshwenyego pompo ya metsi.

E ne ya re ba le mo ithutuntshong ya bone ya dikgwedi tse tharo, ya go inaakanya le matshelo le botsogo jwa batho, gammogo le go ruta ka tsa botsogo mo motseng wa Masunga, baithuti bao ba barataro ka palo, ba gwetlhiwa ke go bona seemo sa ga Mme Tshwenyego sa go tlhoka pompo mo lwapeng.

Fa a bua kwa tholong ya pompo eo, mongwe wa baithuti, Mme Koziba Meshack a re go tsamaya ba gasa melaetsa ya tsa botsogo le go lemoga letlhoko la batho mo motseng, e ne e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone jalo a tlhalosa fa e le gone go dirileng gore ba lemoge letlhoko la pompo mo lwapeng leo.

Mme Meshack a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba itlama go mo thusa ka go ikanapa dipata le go tsamaisa dipampiri ba kopa dithebenyana mo morafeng. A re mme phelelong ba ne ba kgona go sala morago ditselana tsotlhe tsa kgokelo ya metsi, go balelwa le go duela P1550 kwa koporaseng ya Water Utilities.

O lebogile botlhe ba ba ba emeng nokeng mo go reng ba fitlhelele kwa maikemisetsong a bone, a bo a tshepisa fa ba tla tswelela ba thusa mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe leno ka gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba isa lefatshe leno golo gongwe.

Mogolwane mo lephateng la botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Matilda Tema o ba akgoletse tiro e ntle e fela thata, a tl;atsa ka gore go supa fa baithuti bao ba tshela Tebelopele ya lefatshe leno ya 2016. Mme Tema a re go bo ba thusitse mongwe yo o tlhokileng lesego mo motseng o ba direlang mo go one, ke sesupo sa gore mo isagong ba tla isa lefatshe leno kwa mankalankaleng. A re mongwe o ka bona tiro eo e le nnyenyane, fela ke tiro e kgolo fela thata ka jaana metsi e le jone botshelo jwa motho.

Mongwe wa bagolwane ba lephata la botsogo mo kgaolong, Mme Tshilo Mabophiwa o ne a gakolola Mme Tshwenyego go sola molemo pompo eo, ka go itirela tshingwana ya merogo, e ka yone a ka itshetsang ka yone.

Kgosana ya kgotlana ya Mannathoko kwa Masunga, Rre Elijah Mannathoko o iteetse legofi tiro ya baithuti bao, a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo le go dira go feta foo. O gwetlhile Mme Tshwenyego go tlhokomela pompo eo, go akola maungo a yone go ya go ileng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Tshwenyego o ne a lebogela mpho eo fela thata, a re tlhotlheletso ya mowa wa Modimo ke yone e dirileng gore baithuti bao ba lemoge botlhoki jo a neng a na le jone.

A re o ne a kokonelwa ke go tsamaya sekgelenyana go tswa fa lwapeng a ya go gelela metsi kwa lelwapeng la ba losika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Go rolwa ga pompo

Date : 26 May 2014