Semolale o ipelela letlhafula
26 May 2014
Motshwaralela tona mo ofising ya tautona le bodirelapuso, Rre Shaw Kgathi, a re o itumedisitswe ke tiro ya go ipelela letlhafula kwa Semolale mo kgaolong ya Bobirwa mo dingwageng tse di fetileng e ntse e amilwe ke leuba.
Tona Kgathi o buile seo kwa moletlong wa go leboga pula le go ipelela letlhafula o o neng o rulagantswe ke banni ba Semolale ka Matlhatso, Motsheganong a tlhola malatsi a le masome mabedi le bone.
A re tiro e e supa fa Batswana ba boifa e bile ba tlotla Modimo mme ba dira seo ele le tebogo ya dipula tse di namagadi tse di neleng bosheng. Rre Kgathi a re Batswana ba tshwanetse go ngaparela Modimo le go itshegetsa ka ngwao gore ba seke ba tshele botshelo jo bo nonofileng.
Rre Kgathi yo gape eleng mopalamente wa Bobirwa, o boletse fa tshaba ya Botswana e le lesego ka boeteledipele jwa lefatshe leno bo boifa Modimo.
O kopile baruti le dikgosi go ruta le go kgothatsa setshaba go sala molao wa Modimo morago, ka bontsi jwa banana go lebega ba latlhega, lebaka e le go ikgatholosa molao wa Modimo le ngwao. Tona Kgathi a re o lebogela tiro e e dirilweng ke banni ba Semolale ka gore mo dingwageng tse di fetileng kgaolo ya Bobirwa e ne ya welwa ke seru sa leuba le bolwetsi jwa tlhako le molomo, a tlatsa ka gore dipula tse di neleng bosheng di tsisitse boitumelo mo dipelong tsa banni.
A re le fa go ntse jalo, kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya tse di lesome mo kgaolong tse di amilweng ke leuba, mme a tlhalosa fa puso e ikemiseditse go lwantsha seemo se ka mananeo a tshwana le la LIMID, YDF, ISPAAD le a mangwe.
A re se se nametsang ke gore mo pakeng ya temo go lemilwe ditema di feta 14 000 mo Bobirwa, a re seo se tlhoka go rolelwa hutse, mme a galaletsa balemisi ba kgaolo eo go dira ka natla.
Tona a re puso e lemogile fa madi a dithuso tsa nyeletso lehuma a le kwa tlase mme go tla sekasekwa go bona gore go ka dirwa eng ka kgang eo, a tlatsa ka gore go mo dithulaganyong gape tsa go batlela thobo ya ditshingwana tsa merogo mmaraka e tshwana le kwa dikoleng.
Mo go tse dingwe, tona a re o lebogela banni ba motse wa Semolale go bo ba ntse ba mo tshegeditse mo thomong ya gagwe ya bopalamente jwa kgaolo ya Bobirwa, e bile ba mo lekodisa ka seemo sa kgaolo eo gangwe le gape.
Molemisi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Anthony Keeme, o galaleditse balemi ba kgaolo eo go reetsa melaetsa le dithuto tsa balemisi, e bile maduo a seo a supa ka dipalo tsa ditema tse di lemilweng mo kgaolong ya Semolale, tse di 385.22, tse di lemilweng ke balemi ba le 214.
A re mo ditemeng tseo, di le 101.90 di lemilwe ka digogi tsa ditonki ke balemi ba le 77 go dirisiwa mothale wa go gasa, fa tsa ditselana di le 128 di lemilwe go dirisiwa ditonki.
Rre Keeme a re diterekere tsa puso tsone di lemilwe ditema dile 171. A re diterekere tse di ikemetseng di lemile di le 87.39 ke balemi ba le 65. Diterekere tse di lemileng ka go gasa di lemile 13.46, ka balemi ba le lesome fela.
O ne a tlhalosa fa banana le bone ba sa salela kwa morago ka ba lemile ditema di le 55.46, mo go tsone 32.44 e lemilwe ka ditselana ke banana ba le 17, fa tse go neng go gasiwa e le ditema di le 9.76, mme a kgothatsa balemi go kwadisa thobo ya bone le lephatla la temo thuo.
Rre Keeme o kopile gore balemi ba ipaakanyetse temo e e latelang ka go ikwadisetsa dipeo le monontshane.
Modulasetilo wa thulaganyo ya letsatsi leo, Mme Onkgopotse Matema, a re ba itumeletse dipula tsa paka e e fetileng mme ba isa malebo a bone kwa Modimong le tautona wa lefatshe leno, yo o neng a rotloetsa Batswana go rapelela pula.
Mme Matema a re go tsere dingwaga tse dintsi pula e ntse e sa ne mo Bobirwa mme dipula tsa bosheng di tsisitse monyenyo mo difatlhegong tsa bone, mme a rotloetsa Batswana go tswelela ba rapelela pula monongwaga ka kgwedi ya Lwetse.
Fa a amogela baeng, Kgosi Kgaogano Madema, o ne a akgola tona Rre Kgathi ka bonatla jwa gagwe jo a bo supileng fa e le tona ya banana metshameko le ngwao, mme a mo rotloetsa go tswelela a dira ka natla mo thomong ya gagwe mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Moletlo wa go ipelela letlhafula
Date : 26 May 2014