Ba gakolotswe go nna podi matseba
26 May 2014
Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o kopile Batswana go ela tlhoko dikgalo tsa gangwe le gape tsa diphathi tsa kganetso, a tlhalosa fa ele tsa boitimokanyi.
E rile a bua mo phuthegong ya sepolitiki kwa Khudumelapye go rola ntlhophang wa bopalamenete wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka le bontlhophang ba khansele kwa kgaolong eo, a supa fa diphathi tsa kganetso di iphatlha ka diphuka.
Rre Reatile a re go a gakgamatsa gore ba diphathi tsa kganetso ba bo ele bone ba akolang go feta botlhe mananeo a puso mme ba tsweletse ka go kgoreletsa Batswana ba bangwe go intsha mo bothateng jwa lehuma.
O bile a tlhagisa batlhophi ba kgaolo go ikgapha mo go rekiweng ka majalwa gore ba tlhophe, mme ba tlhomamise go dira tlhopho e e nang le boikarabelo ka go tlhopha Domkrag, mme e bile ba lemoge fa Rre Ngaka e le ene a nonofetseng tlhabololo ya matshelo a bone ka fa tlase ga puso ya Domkrag.
A re maiteko a puso ya ga Domkrag ke go leka go nyeletsa lehuma ka go tokafaletsa ba ba itlhaelang seemo sa itsholelo.
Mothusa tona mo ofising ya merero ya ga tautona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone, o rotloeditse batlhophi ba kgaolo eo go tsaya tshwetso ka go busetsa mopalamenete wa nako eno Rre Ngaka mo setilong, ka e le moemedi wa tlhwatlhwa.
O kgothaditse batho ba kgaolo ya Letlhakeng Bophirima go fa Rre Ngaka Ngaka tlhopho go emela dikeletso tsa bone, ka jaana a emetse phathi e tlhabolotseng matshelo a batho ba kgaolo eo.
Mothusa tona o kgothaleditse ma Domkrag a kgaolo ya Letlhakeng Bophirima go tlhomamisa popagano ya maloko, e bile ba sa letle mewa ya lefufa go ba tsena gare.
Mopalamenete wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe, o kopile batho ba motse wa khudumelapye go sala phathi ya Domkrag morago ba lebile ditiro tsa yone go tswa goo lowe.
A re diphathi tsa kganetso ga di na sepe se di se tshwaretseng tshaba ya lefatshe leno mme ba tla tswelela ka go ganetsa, jaaka ele tiro ya bone go leka go ipetlela tsela ya go tsaya puso.
E ne ya re pele ga phuthego moplamenete Ngaka a abela lelwapa le le nang le ngwana wa mona-le-bogole ntlwana ya boitiketso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Batlotli
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 26 May 2014