Banni ba rotloediwa go batla lefatshe la temo
25 May 2014
Banni ba motse wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume ba rotloeditswe go ikemela ka dinao go batla lefatshe la temo.
E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela thobo kwa Mosetse bosheng, Rre Joe Linga wa molemi a tlhalosa fa temo e le seikokotlelo sa Motswana.
O rotloeditse banni go ema ka dinao go batla lefatshe gore batle ba kgone go itemela go nyeletsa lehuma, a tlatsa ka gore lefatshe ke khumo.
Rre Linga a re modimo o tlhodile lefatshe gore motho a nne mo go lone mme a le dirise ka go tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
A re kwa tshimologong, e ne e se motho yo ratang temo ka e ne ele motho wa dikgwebo fela , mme rraagwe a mo supegetsa botlhokwa jwa temo.
O tlhalositse fa tshimo ya gagwe ele diekere tse di lekgolo le masome matlhano, (150 hectares) mme a lemile mabele mo go yone yotlhe.
A re ngwaga ono one a solofetse thobo e e kwa godimo, sebe sa phiri ke gore dingwe ditema dine tsa somolwa ke dinoyane bogolo jang temo ya diekere tse di tlhano ya lebelebele.
Rre Linga o kopile banni ba Mosetse go tla go mo thusa go roba mabele, a re o eletsa gore fa a sena go roba a fe bao ba ba godileng ba ba sa kgoneng go lema mabele.
A re temo e na le dikgwetlho mme e bogadi bogaufi, a tlatsa ka gore thobo ya gagwe e mo fa madi a hetang sedikadike sa Dipula.
Rre Linga a re maikaelelo a gagwe ke go oketsa tshimo ya gagwe gore mo dingwageng tse di tlang a ipone le ene a itheketse tlhootomo ka madi a temo.
Molemi wa monana, Rre Motho Tshambani o kgothaditse balekane ka ene go tlhwaafalela temo, a re eseka ya re pula e phaila batsadi ba ya kwa masimo ba tlogetse bana mo malwapeng a re ba rute bana ba bone botlhokwa jwa temo.
Rre Tshambani a re temo e na le dikgwetlho tsa go tsoga bosigo le go robala bosigo, gammogo le go tlhapa thari, mme a re kwa bofelong wa a bo a bone se a neng a se batla.
O kopile banana go leka sengwe a re le fa ele ekere e le nngwe fela ya dinawa ke sengwe se se ta ba tiisang moko.
A re o itemogetse gore ngwaga le ngwaga fa pula e phaila, o nna a ipona fela a tsamaya a le esi kwa masimo, a re gongwe seemo se se tla a thokafala.
Fa a mo kgwa dikgaba, Mme Tawana Phaladzi o lebogile Rre Linga go menagane a re o dirile Pandamatenga mo motseng wa Mosetse ka gore banni ba mosetse batla a tlogela go ya go bereka mabele koo mme ba dire mo gae.
O kopile Rre Linga go duela batho ka mabele eseng ka madi, a re madi ao ba a go boa ba a dirisa go reka dijo gape mo go ene. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Moletlo wa go ipelela thobo
Date : 25 May 2014