Bakgweetsi ba diteraka ga ba jese Kgosi diwelang
25 May 2014
Kgosi ya motse wa Nata mo kgaolong potlana ya Tutume, Kgosi Rebagamang Rancholo are ga itumedisewe ke boitshwaro jo bo dirwang ke bangwe bakgweetsi ba diteraka tse di emang mo motseng wa gagwe pele di ka tsweledisa mosepele go fetela kwa mafatsheng a mangwe.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Rancholo o supile fa a se kgatlhanong le gore bakgweetsi ba diteraka tseo ba ka itapolosa mo motseng pele ba tsweledisa mosepele.
A re sebe sa phiri ke gore ditiro tse di dirwang ke bangwe bakgweetsi, maduo a tsone a ama tikologo le banni ba motse ka ditsela tse di sa amogelesegeng.
Kgosi Rancholo o supile fa diteraka tseo di emang teng go fetogile boremelelo jwa borukhutlhi, mme a tlhalosa fa di tla di rwele dithoto ka go farologana mme bangwe bakgweetsi ba felele ba rekisa dithoto tseo go se ka fa molaong.
O ne a tlatsa ka gore bangwe bakgweetsi ba tla ba fitlhile motokwane le mengwe metsoko e e sa letlelelweng mo lefatsheng leno.
Kgosi a ne gape a supa fa go na le thekiso ya dinaka tsa ditlou, a re bangwe banni ba motse badirisanya le bakgweetsi ba diteraka go bolaya le go utswa dinaka tsa ditlou.
O boletse fa gape ba amogela dipego tsa bogudu jwa leokwane jo bo diragalang gone fa diteraka di emang teng, a re bangwe bakgweetsi ba dirisanya le banni bangwe ba motse go utswa leokwane leo.
A re leokwane leo le gogwa go tswa mo diterakeng mme morago le rekisiwe ka bokhukhuntshwane.
Kgosi Rancholo a re jaaka leokwane leo le gogwa mo diterakeng, le tshologela fa fatshe mme seo se ama tikologo ga mmogo le diruiwa.
O supile gore bangwe bakgweetsi ba ema gongwe le gongwe fa gare ga motse, a tlatsa ka gore fa gongwe ba ema fela mo thoko ga tsela mme seo se baya badirisi ba bangwe ba tsela ka fa mosing.
Kgosi Rancholo boletse fa go belaesega gore bangwe bakgweetsi bao ba ithomela gongwe le gongwe bogolo jang fa ba emang teng.
O ne gape a supa fa go na le tlhakanelo dikobo e e diragalang gone fa diteraka di emang teng ka jaana dikauso tse di dirisitsweng ga mmogo le pampitshana tse di di diphuthelang di tlogelwa fela foo.
Go sale foo, Kgosi Rancholo o boletse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya dintwa go tswa mo bakgweetsing ba diteraka tseo le banni bangwe ba motse, a re go le gantsi dintwa tseo di simolola kwa marekisetsong a bojalwa.
Le fa gontse jalo, Kgosi are ba leka ka bojotlhe go busetsa seemo mo taolong mme a re ba botsogo, mapodisi, bommaboipelego le bagolwane ba motse ba tlhamile komiti go leka go itepatepanya le ditlamorago tseo.
A re ba mo maikaelelong a go batla lefelo kwa ntle ga motse fa diteraka tseo di ka emang teng mo nakong e e tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 25 May 2014