Badirela puso ba kolota matlo a VDC
25 May 2014
Banni ba Palla-road mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba re ba tshwenngwa ke badirelapuso ba ba sa dueleng matlo a komiti ya ditlhabololo a ba nnang mo go one.
Ba ikuetse mo go mothusa tona wa merero wa ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
Fa a rola pego ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Tshireletso Hlamini, o ne a tlhalosa gore bodiredi jo bo nnang mo matlong ao, ba thata le go duela.
Mme Hlamini a re bangwe ba nna fela gore sekoloto sa bone sa bone se bo se goroge kwa go bo P1 500, selo se a reng se ba busetsa morago go ka dira ditlhabololo tse dingwe.
A re go tlhoka go duela matlo,go emisitse kgokelo ya motlakase e komiti e neng e ka e dirang mo matlong a mangwe, kgotsa ya aga matlo a mangwe go ka dira madi go tlhabolola motse.
A re ba ne ba kopa thuso kwa go ba boipelego, ba le bone ba sa ba tswang thuso epe, a tlatsa ka go re go tlhoka go duela ga bodiredi jwa puso go a ba nyenyafatsa ka e bile bangwe mo motseng ba tsaya gore komiti ya ditlhabololo tsa motse gore e palelwa ke tiro.
Fa a arabela matshwenyego ao, Rre Matlhabaphiri o ne a kopa ofisi ya ga molaodi ga mmogo le mokwaledi wa khansele go bona gore badiredi ba puso jo bo nnang mo matlong a komiti ya ditlhabololo tsa motse mme ba sa kgone go duela, kana ba le bonya go duela ba tseelwa dikgato.
A re go maswabi gore go bo go na le babereki ba ba bonang go siame fela gore ba nne kwa ga mothakga mme matlo e se a bone, ka moo a ba rotloetsa go duela.
A re dingwe tsa dikgato tse di ka tsewang ke gore ba tseelwe madi a kamogelo pele a tla kwa go bone.
Rre Matlhabaphiri o ne gape a rotloetsa gore go nne le tumalano ya mokwalo pele ga ope a tsena mo ntlong ya komiti.
A re seo se tlaa tlhofofaletsa maloko a komiti tiro, bogolo jang mo mothong yo o ka ba tsenyang dingalo go duela.
Mothusa tona o ne a wetsa diphuthego tsa gagwe mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba.
Mo diphuthegong tsa gagwe, Rre Matlhabaphiri o ne a itebagantse le dikgang tsa nyeletso lehuma, ba-na-le bogole le bolwetse jwa segajaja.
Rre Kebaiphe Mangope, yo e leng motshela le bogole, o ne a lebogela puso go ba gakologelwa, go ka fiwa mananeo a a kgethegileng.
Rre Mangope o ne a kopa gore go lebalejwe le kwa ba nnang teng go kopantsha matlhoki a bone ka go farologana.
O ne a tlhalosa fa bangwe ba nna mo matlong a a sa pentwang, bangwe ba tlhokana le matlo a boithomelo, mme ka moo a re go nne le lenaneo le le kgethegileng gore mo-na-le bogole.
A go elwe tlhoko gore ba tlhokana le dithuso tse di farologaneng, ka jalo mananeo a seka a tshwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2014