Breaking News

Motlhale oa kgalema

25 May 2014

Go bo dintsho tse di bakiwang ke mogare wa HIV/AIDS di sa tlhole di atile, ga se ka gore mogare o fedile, mme  ke sekao sa gore diritibatsi tsa mogare di kgona go somarela matshelo a Batswana.
Kgang ke gore  batho ba seka ba itebala.

Mopalamente wa Borwa Botlhaba  Rre Odirile Motlhale o buile mafoko a, fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe bosheng.

Mopalamente a re mogare o teng o a tshela mme pharologanyo ke gore jaanong batho ba kgona go tshela sebaka se se leele go na le jaaka gone go ntse pele.

A re fa batho ba ka itebala mme ba itlhokomolosa go ikgapha, go dirisanya le motho a le mongwe le go dirisa sekausu, ba tla a bo ba ithala ka thipa mpeng.

Rre Motlhale o tlhalositse gore,“Batho ba santse ba tsenwa ke mogare ka mokgwa o o tsitsibanyang mmele, mogare o teng,”  O tsweletse  a re ga go bolo go nna go buiwa ka mogare  maswabi ke gore maitsholo a batho ga a ise a fetoge go tsamaelana le dithuto tsa bolwetsi jo.

A re ga gona jaaaka motho a ka bona dikai tsa mogare ka matlho, e bile gore motho a bo a lebega a le borethe ga go supe fa a ka seke a nne le mogare.“Batho ba tsaya gore motho fa a na le mogare o bonwa mo phatleng, nyaa, ga go a nna jalo,” mopalamanete Motlhale a tlhalosa.

O kopile batsadi go gakolola bana ba bone ka dinako tsotlhe go ikgapha le gore fa ba tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare ba seka ba raelesega ba di tlogela ka gore mogare o ka tloga wa kekela mme  motho a tlhokafale. 

A re go botlhokwa thata gore fa batho ba le mo phuthegong, go nne go nna le dikgakololo ka bodiphatsa jwa mogare.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba kgotla ya Tlokweng  ba supile fa ba sa itumedisiwe  ke matlwana  a boitiketso a sekole se sebotlana sa Lesetlhana, a ba reng a leswe e bile a senyegile.  

Ba re sekole se tshwanetse go tswalwa ka se baya botsogo jwa bana mo diphatseng. Banni tsweletse  ba re se se gakgamatsang ke gore sekole se, se busa madi a dipaakanyo a se a fiwang ke khansele ngwaga le ngwaga..

Mo dikgotleng tse dingwe, banni ba  lela ka metsi a a emang fa pele ga malwapa a bone ka dinako tsa dipula, ba bo ba kaya fa khansele e sa tsibogele go baakanya seemo se.

Le ga go ntse jalo,modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa Rre Thabang Keakile o kaile fa ba itse ka seemo se e le khansele .

O tlhalositse fa ba ntse ba tlhaelelwa ke madi fela thata,  mme  a supa fa ba filwe madinyana a a botoka ngwaga ono, ka jalo a tlhalosa fa khansele e setse e simolotse go baakanya ditsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 May 2014