Breaking News

GaMalete o hupeditswe ke toropo

25 May 2014

Motse wa Ramotswa o lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya lefatshe mo go bakiwang ke go nna gaufi le toropo kgolo.

Se, se tlhalositswe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa, Rre Thabang Keakile, fa a buisa phuthego ya khansele eo bosheng. Rre Keakile a re morafe wa Ramotswa o tlhoka ditsha tsa bonno fa e sale go emisiwa go abiwa ga ditsha, fa moalo wa Ramotswa Development Plan o tla bokhutlong.

A re sekai se se mo mpaananeng ke tiragalo ya bosheng e rileng ba lekgotla la kabo ditsha la ga Malete, le ntshitse ikopelo ditsha di le 287, ga tla matshwititshwiti a batho.

O kaile fa seemo se se supa ka fa go leng thata ka teng go tlhabolola banni ka go ba fa ditsha tsa bonno. O ne a kopa ba ba amegang go thusa go tla ka maano a go leka go thusa banni go lebilwe bonnye jwa lefatshe le le leng teng. Rre Keakile o kaile gape fa ditsha tse di neng di solofetswe kwa Seuwane di saletse kwa morago.

E re ntswa rakonteraka yo a neng a romilwe go sekaseka lenaneo leo a setse a ntshitse pego ya ditshekatsheko tsa gagwe tsa ntlha, ga go ise go lekane gore go ka abiwa ditsha. O kaile fa kwa Seuwane, go solofetswe ditsha tsa bonno di le 3000, mme a kaya fa go diile ditsela, kgopho ya metsi a a leswe, metsi a a nowang, mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo le motlakase mo go tse dingwe.

Rre Keakile a re se se tshwereng gape ke gore ga gona ditsela tse di teng mo Seuwane go tswa mo tseleng ya Lobatse-Gaborone, e bile ga gona le fa ele makgabaganyo a seporo kana metsi a a nowang.

A re mo nakong ya gompieno, lephata la ditsela le supa fa le ka kgona go dira metshelakgabo ele mebedi fela go tsena mo Seuwane, mme a bolela fa se se sa lekana. Ka jalo, o ne a supa fa tshekatsheko ya tiriso lefatshe leo, e ka seke e kgone go feta ka e sa kgotsofatse.

O ne gape a re ba Water Utilities Corporation ba ne ba diega go gokela diphaephe tsa metsi mo go e tswang Gaborone go ya Lobatse. Rre Keakile a re go botlhokwa thata gore khansele potlana e tle ka methale ya go thusa banni gore ba kgone go akola se se ba tshwanetseng.

Rre Keakile gape o ne a supa matshwenyego ka banni ba kgaolo ya Magope o mosha, a re puso ga ise e ba akaretse gore ba ka gokela motlakase ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa P5000.

A re ntswa banni ba Magope ba na le keletso ya go gokela motlakase, ba koporasi ya motlakase ba ba lopa madimadi go gokela motlake, mme se se folodise maiteko a bone.

O ne a ntsha sekai sa gore bangwe ba lopiwa madi a a kana ka P10000 go gokela motlakase, ka jalo a ikuela mo go ba koporasi ya motlakase le puso go akaretse ba Magope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 25 May 2014