Breaking News

Lephata le somola babereki ba dipoko

25 May 2014

Lephata la khiro ya badirela puso le kgonne go ntsha babereki ba dipoko ba le lekgolo le lesome le botlhano.

E rile a a fa pego fa pele ga  Public Accounts Committee, mookamela lephata le Rre Carter Morupisi, a re ga a kake a kgona go supa gore puso e latlhegetswe ke bokae mo dituelong tsa babereki ba dipoko ba ba kgonneng go senolwa ke  lenaneo le mme a tlhalosa fa puso e kgonne go inola maina a  batho ba ba neng ba sa tshwanela go nna mo dituelong tsa yone.

A re selo se se fitlhelwa mo maphateng ka go farologana mme mo go a mangwe go ne go nale bothata jwa go kgona go  lemoga kwa badiri bao ba leng teng gonne kitso ka babereki bangwe  di latlhegile ka bangwe ba ne ba fudusiwa kwa ba neng ba bereka teng kgotsa ba tlogetse tiro.

A re lephata la gagwe le tla ntsha pego e e tletseng fa tshekatsheko e sena go wela.

A re ba ne ba batla go simolola ka maphata a se manene gore ba seka ba emisa dituelo tsa badiri.

O tsweletse a re mo babereking ba bangwe go ne ga seka ga dirwa tse di tshwanetseng fa ba tlogela tiro. A re babereki ba ba dipoko ba fitlhelwa thata mo dituelong tse di fagare tsa C le D.

Mo go tse dingwe, Rre Morupisi o boletse fa tiro ya go sekaseka melawana e e tsamaisang bodirela ba puso e tsweletse le fa ntsawa go na le tiego ya go e wetsa.

A re tiego e tsetswe ke gore karolo nngwe ya tshekatsheko e ne e dirwa ke lephata la tsa molao tsa puso.

O boletse fa go ne go nale dipharologano fa gare ga  mohiri le lekoko le le buelelang dituelo tsa badirela puso gonne tirisano ya bone ene ele ntsha.

PAC  e kopile gore go nne le tirisano mmogo mo makgamung oo mabedi eleng  puso le makgotla a  a emetseng babereki go  emisa go senya madi a mantsintsi kwa kgotla tshekelo.

A re mo lefatsheng le ga gona seemo se re se bonang mo mafatsheng a mangwe mo makgotla a babereki a sa tseisaneng molelo le puso ka puso e ya ntlha e nngwe  fa makgotla a ya e nngwe.

Mongwe wa  leloko la PAC Rre Kentse Rammidi  a re re le  Batswana re dumela gore ntwa kgolo ke ya molomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego ya lephata le khiro

Date : 25 May 2014