Breaking News

Ba letso la Zimbabwe ba lebisitswe molato

25 May 2014

Rre Themba Kwanele Dube le Siphamandla Ndlovu ba letso la Zimbabwe, ba lebisitswe melato e le mebedi ya go thuba le go utswa dithoto tsa madi a a fetang P39 500 tsa ga Rre Kerwin January ka kgwedi ya Sedimonthole ele malatsi a le masome a mabedi le boraro ngwaga o o fetileng.

E rile bosheng, bobedi joo jwa iponatsa fa pele ga mmakaseterata wa Molepolole, Rre William Modise kwa kgotleng kgolo ya Mmankgodi. Basekisiwa ba ne ba tsile go utlwa tshwetso e lekgotla le e tsereng mabapi le melato e ba e lebisitsweng.

Fa a ntsha tshwetso, mmakaseterata Modise o ne a bolela fa Rre Dube le Rre Ndlovu ba na le kgang e ba tshwanetseng go e arabela.

“Fa ke sekaseka bosupi jwa bosekisi le jo bo ntshitsweng ke baiphemedi, ke ne ka lemoga fa jwa bosekisi bo itekanetse ka bo tsamaelana e bile bo na le dintlha tse di papametseng, fa jwa baiphemedi jone bo ganetsana. Basekisiwa ba na le ditshwanelo tse tharo tse ba tshwanetseng go tlhopha mo go tsone go iphemela,” Mmakaseterata Modise a bolela.

O tsweletse a re, baiphemedi ba na le tshwanelo ya go didimala fela, go ntsha bosupi jo bo sa ikanelwang kgotsa jo bo ikanetsweng, a tlhalosa fa jo bo ikanetsweng ele jone lekgotla le bo tsayang tsia ka bo tlhatlhobiwa ka dipotso. Mmakaseterata Modise o tlhalositse gape gore, basekisiwa ba na le tshwanelo ya go bitsa basupi fa ba batla.

Basekisiwa boo babedi ba ne ba tlhalosetsa lekgotla fa ba tla a fa bosupi jo bo ikanetsweng mme Rre Dube a tlhalosa fa a na le basupi mathata e le gore ga ba na dipampiri tse di ba letlang go nna mo Botswana, fa mosekisiwa ka ene a ne a tlhalosa fa a sena basupi gotlhelele.

Tsheko e tla a tswelela kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le lesome le botlhano. Basekisiwa botlhe ba tshegeditswe mo kgolegelong.

Mabaka a kgang a supa fa dithoto tse di utswilweng ele, pompo ya metsi e e dirisang motlakase ya modiro wa Banjo, ele ntsho ka mmala mme tlhwatlhwa ya yone ele P9 500, motshine o o nosetsang ditshipi wa modiro wa Tanco wa tlhwatlhwa ya P3 500, pompo ya metsi ya modiro wa Robin ele lephutshe ka mmala ya tlhwatlhwa ya P20 000, lelatlha la teraka la tlhwatlhwa ya P1 200, motshine o o fetlhang motlakase wa modiro wa Spheng o le mohibidu ka mmala wa tlhwatlhwa ya P5 000 le setsosa modumo sa modiro wa Humson se go sa itseweng tlhwatlhwa ya sone.

Mo melatong e ba sekisiwa ba e lebisitsweng, go tlhalositswe fa ba ne ba na le Rre Khumbulani Nkomo wa ngwaga tse di masome mabedi le bone  yo le ene eleng wa letso la Zimbabwe. Rre Nkomo yo o saleng a ipone molato o ne a atlholwa dingwaga di le thataro mo kgolegelong, go seegetswe fa thoko di le pedi,  kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi ale marataro mono ngwaga.

Rre Nkomo o tlhaloseditse lekgotla fa ele ene a dirileng molato a le nosi seo ele go ituela ka dithoto tsa mongongoregi yo a saleng a mo direla dingwaga di le lesome le motso mme a sa mo atswa ka sepe.

E re dikgang di eme jalo, tsheko ya basekisiwa, Rre Eletsang Ralenyena le Mmanyanako Mmitwe botlhe ba  dingwaga tse masome mabedi le bone, ba kgotla ya Diroloko le  Goo-Nong mo Mmankgodi ka go latelelana, e ne ya tlosolosiwa.

Basekisiwa ba ba lebisitsweng melato e mebedi ya go thuba ba bo ba utswa mo marekisetsong a dino a Welcome Bar dithoto tsa tlhwatlhwa ya P979 le kwa lebentleleng la Dew Drop Inn dithoto tsa P131, ba ne ba tlhalosa fa ba sa ipaakanyetsa tsheko ka ba sa fiwa dipolelo tsa basupi.

Mosekisi Sub Inspector Mshingo Kedikanetswe wa sepodise sa Thamaga o tlhaloseditse lekgotla fa ale maswabi go bo basekisiwa ba sa fiwa dipampiri tseo, a bolela gore le mokwalo o supa fa e le nnete ba sa di fiwa.

Mmakaseterata Modise o ne a laela ba bosekisi go neela basekisiwa dipampiri tsotlhe tse ba tla a di dirisang go ipaakanyetsa tsheko mme a tlhalosa fa tsheko e tla tswelela kgwedi ya Phatwe ele malatsi ale masome a mabedi.

Rre Ralenyena o mo kgolegelong dingwaga tse tlhano, tse pedi di seegetswe fa thoko e ntse e le molato o o tshwanang le o ba o lebisitsweng fa Rre Mmitwe ene a letetse tsheko a le kwa ntle ga kgolegelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MMANKGODI

Event : Tsheko

Date : 25 May 2014