Letlhoko la leokwane le a tshwenya
22 May 2014
Banni ba Kgalagadi borwa ba ngongoregile ka leokwane le le felang kgapetsakgapetsa mo kgaolong ya bone.
Ba ntshitse ngongora mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA kwa Tsabong bosheng., mme ba ba supa fa leokwane le kgona go tsaya lobaka lwa beke le seo mo madirelong a lone.
Mongwe wa bajanala go tswa Aferika Borwa Rre Shane Paddy, o tlhalositse fa ba na le malatsi a le mararo ba etetse mo Botswana mme ba ne ba ikaeletse go boa morago ga malatsi ao jalo ba patelesegile go nna go feta ka ntlha ya go tlhoka leokwane.
Rre Tshweu Masetlane, mongwe wa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba o kaile gore fa leokwane le seo ke poelo morago mo go bone.
O supile fa ba sa kgone go tsweledisa kgwebo ya bone ya go thusa setshaba ka dipalamo le gone go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le tsatsi tse di tlhokang dikoloi.
O tsweletse a tlhalosa fa kgwebo ya bone e le yone e ba kgonang go e itshetsa ka yone ka ba sa bereke.
Rre Masetlane o supile fa e se lantlha leokwane le tlhaela mo kgaolong ya bone.
Mongwe wa babereki ba madirelo a AB Spares le ene o supile fa e le boammaaruri go na le malatsi a le mararo leokwane le seo mo madirelong a bone.
O tsweletse a tlhalosa fa koloi e ba tsayang leokwane ka yone e ne ya senyegela mo tseleng e ise e goroge.
A re maikaelelo a bone ke go thusa setshaba ka leokwane sebe sa phiri ke dikoloi tse di sa ikanyegeng ka di senyega kgapetsakgapetsa.
Mongwe wa babereki ba ba dirisang dipalamo tsa setshaba go ya tirong, o iteetse kobo moroko mafoko a ga Rre Masetlane, A kaya fa nako e leokwane le seong ba sokola fela thata ka bangwe ba bone ba nna kgakala thata le tiro.
O tladitse ka go kopa beng ba madirelo a leokwane ba ba ikemetseng mo Tsabong go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe leokwane le nna teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshwanelo Feledi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 22 May 2014