Breaking News

Seemo sa borukutlhi se tokafetse kwa Tsabong

22 May 2014

Ba sepodise mo Tsabong ba akgolela banni ba motse o seemo sa borukutlhi se se ileng ko tlase sale ngwaga ono o simolola.

Fa a tlhalosa mo potsolotsong le ba BOPA bosheng mogolwane wa sepodise ko Tsabong Assistant Superintendent Keagetswe Lorato a re ba akgola puso go menagane mo go fetoleng melawana e e amanang le madirelo a a rekisang majalwa le go emisa majalwa a a itirelwang mo malapeng ka se ele sone se fetotseng seemo ka mokgwa o.

O tsweletse ka go supa fa ba kgonne go emisa majalwa a a itirelwang mo malwapeng, mme go setse marikisetso a di Chibuku mme le tsone di obamela melawana fela thata

Assistant superintendent Lorato a re sa le ngwaga ono o simolola ba itemogetse kwelo tlase ya seemo sa borukutlhi ka dipalo tse di solofetsang.

O supile fa monongwaga ba ise ba itemogele dikgang dipe tsa dipolaano, dipetelelo ba gatisitse dile tharo tiriso ya bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo tsa dikobo le tsone ba gatisitse dile tharo.

O supile fa dintwa le dikgobatsano ga mmogo le matshosetsi a polao ba gatisitse dile thataro mongwe le mongwe

Assistant Suprintendent Lorato are bogodu jotlhe jwa motlo le diphologo le jone bo ile kwa tlase fela thata, are sale ngwaga ono o simolola ga ba ise ba gatise molato ope wa bogodu jwa diphologolo le gone go tsoma ko ntle ga teseletso tota. Rre Lorato are bogodu jwa dikoloi le jone bo wetse tla fela mo go kgotsfatsang a supa fa ba ise ba itemogele go thubiwa ga dikoloi ka go utswiwa ga tsone.

Fa a tswelela rre Lorato a re dikgang tse di santseng di tshwenya ke tsa modumo mo mebileng, a supa fa se se dirwa segolo thata ke batho ba le ka fa tlase ga thotloetso ya dino mme a kopa botlhe ba ba dirang jalo go emisa ka gore tiro e na le ditlamorago tse di sa siamang. Rre Lorato o ne supa matshwenyego a magolo mo batsading ba ba sa tseyeng karolo mo tlhokomelong le mo kgodisong ya bana ba bone. O supile fa dipalo tsa tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo di le ko tlase mme fela dika fedisiwa gotlhelele fela fa batsaya karolo botlhe ba ka dita seabe sa bone, e seka ya nna kgang ya mapodise fela.

Are se se dirwa ke gore batsadi ga ba tshameke karolo ya bone mo kgodisong ya bana, O supile fa bana ba kopana le dilalome tse di ba dirisang ko dibareng mme a ipotsa gore batsadi ba bana ba ba abo bale kae mo go seo sebaka.

O supile fa bana ba ba lala ko maitisong mme batsadi ba sa tseye boikarabelo jwa go itse gore bana ba bone ba kae are mafelo a ke one a bana ba ba kopanang le dilalome tse teng.

Rre Lorato are batsadi bana le go amogela dithoto di tshwana le megala ya letheka le dijo tse di tlang ka bana ntle le go botsa gore ba di tsaya kae , a supa fa se ele go tlhoka boikarabelo. One a tswelela ka go supa fa gona le batsadi ba ba tlang ko go bone bare ba tsholola dikgang, ka gore ba abo ba bone pipamolomo go tswa ko modireng molato a supa fa ba sa dire sentle ka gore se ga se fetsa mathata ar, are badira melato batlhe ba tshwanetse go tsisiwa fa pela go molao o arabela melato ya bone.

Assistant Keagetswe Lorato o supa fa molao o sa tseele batsadi ba ba latlhelelang bana ba bone dikgato, mme a supa fa go itlhokomolosa ngwana, go sa supe setho.

One a digela ka go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone, ba tshwanetse go itse gore bana ba kae ka dinako tsotlhe, gore a bana ba jele, le gone go rurifatsa gore ba ile sekolong le gore a ba boile ko sekolong.

A re selo se se dirang gore bana ba felele ba inaakantse le borre ba batona ke gore ga ba bone tlhokomelo go tswa mo batsading mme ba ya go e batla golo gongwe mme ba felele ba wela mo dilalomeng tse.

O ne a tswelela ka go kopa le botlhe ba ba dirisang bana gore ba itse fa bana ba ele bone bogogi jwa kamoso ka jalo ba ba somarele gore ere ka moso lefatshe leno e bo lena le boiteledipele jo bo popota.

O ne a kopa le bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo go fitlhe nako ee siameng e goroga, are montate wa lefatshe ga o fele mme ba seka ba itshenyetso bookamoso ka monate wa nakwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2014