Breaking News

Mogodi o ipela ka komiti ya twantsho borukutlhi

22 May 2014

Rre Sebego Rapudi wa dingwaga tse di masome a a marataro le bosupa wa kgotla ya Riverside kwa Maun Bophirima, a re o itumeletse thuso e a e filweng ke ba komiti ya twantsho borukutlhi.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Sebego o supile fa a nna a le esi mo lwapeng e bile go sena yo a mo thusang ka a sena bana,  ka jalo a re lelwapa la gagwe le nna le le leswe.

A re tshutlha ya tlhaga e ne e oka monang le dinoga tse di tswang mo nokeng ya Thamalakane, mme e rile go itsisiwe fa ba komiti ya twantsho borukutlhi ba tsile go mo thusa, a itumela fela thata.

Selo se, se tsositse seriti sa gagwe ka gore le ene o nna mo bonnong jo bo phepa jaaka Batswana ba bangwe, mo godimo ga moo, botshelo jwa gagwe bo dule mo diphatseng tsa go longwa ke dinoga le monang o o tsenyang bolwetse jwa letshoroma.

Constable Pearl Khutsafalo wa sepodisi sa Botswana gape e le moeteledipele wa komiti ya twantsho borukutlhi ya kgotla ya Kgosing kwa Maun Bophirima, o tlhalositse gore ba gwetlhilwe ke seemo sa ga Rre Sebego ka jalo ba tsaya kgato.

Constable Khutsafalo o supile fa komiti ya bone e sa itebaganya fela le go lwantsha borukutlhi mme e itebagantse le go thusa ba ba dikobo dikhutshwane jaaka Rre Sebego.

O tsweletse a supa fa ba saletse morago mo mananeong a bone ka lebaka la  letlhoko la madi mme a re ba eme ka dinao go kopa madi mo maphateng ga mmogo le mo dikgwebong  ka go farologana gore ba kgone go direla Batswana ka bone.

A re ba mo moonong wa go kokoanya dithuso tse ba ka di bonang gore le bone ba kgone go diragatsa kopo ya ga Tautona ya go agela matlo bao ba ba a tlhokang.

A re ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane e le nngwe tsela ya go lwantsha borukutlhi ka gonne bontsi jwa bana ba ba dirang jone borukutlhi jo, ba tswa mo malwapeng a a tlhokang.

O kgothaditse dikomiti tsa twantsho borukutlhi lefatshe ka bophara go ema ka dinao gore ba tlhabolole dikomiti tsa bone gore ba nne mo seemong sa go ka thusa ba ba tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2014