Thuto ee tshwaraganetsweng e na le boleng
22 May 2014
Go rutega le go tlhabologa ga bana ba motse wa Salajwe go ka seke go atlege fa go beilwe fela gore seo e tla a nna maikarabelo a barutabana ba le nosi fa batsadi bone ba itshetse moriti o tsididi fela.
Se, se boletswe ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima Rre Ngaka Ngaka jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Salajwe bosheng go lekola morafe le go tsaya megopolo go e isa kwa palamenteng e e tlang.
Mopalamente Rre Ngaka a re go itshupile fa go le gantsi batsadi kwa gae ba itlhokomolosa go emela thuto ya bana ba bone ka dinao mme seo se felele se baka gore maduo a ye tlase ka jalo go bo go pegwa barutabana ba le nosi molato.
A re thuto ee tshwaraganetsweng mo ngwaneng e nna ya boleng mme e bile le ditlamorago tsa yone ke tse di itumedisang, ka jalo a kopa botsadi jwa motse wa Salajwe ka kakaretso go bona gore ba ema ka dinao go aga bokamoso jwa bana ba bone.
E rile a itebaganya le go dira bokoa ga dikole tsa motse wa Salajwe, Rre Ngaka a bolela fa a ne a itemogela fa dilo dingwe di ne di sa tsamae sentle kwa dikoleng tseo, dingwe tsa tsone e le gore dikole di ne di tletse thata ka barutabana ba nakwana ba ba sa rutelwang tiro go feta ba ba e rutetsweng.
A re kwa sekolong sa magare sa Lempu, gone bothata jo bongwe e ne e le go onala thata ga sekolo mo go neng go setse go kgoreletsa thuto ya bana, a bolela fa a ne a ema ka dinao go batla tharabololo, ka jalo go tsweletswe ka go dirwa dipaakanyo kwa sekolong seo, a tlatsa ka go kaya fa gape le palo ya barutabana ba nakwana e ntse e ya tlase ka ya ba tlhomamo e simolotse go oketsega.
Mo go tse dingwe Rre Ngaka o boleletse banni ba Salajwe fa tsela ya motse wa bone e tla a thapelwa rakonteraka yo a tla a nnang a e gopa kgwedi le kgwedi fa e santse e letetse go bonelwa madi a gore e tshelwe sekonotere jaaka fa ba kopa.
O boletse fa mo nakong eno puso e santse e lwa le go swafatsa ditsela tse di onetseng jaaka ya Molepolole /Thebephatshwa le tse dingwe tse di mo seemong sa yone.
Banni ba motse wa Salajwe ba ne ba ngongoregile ka go wela tlase ga maduo a bana ba dikole tsa motse wa bone mmogo le seemo sa tsela ya bone, ba bolela fa e kganelela kgakala ditlhabololo go tla mo motseng wa bone le gore babereki ba gana nnang wa banyana go tla go direla kwa motseng oo ntateng ya seemo se se maswe sa tsela eo, bogolo jang barutabana.
Ba boleletse mopalamente wa bone gore ga ba kitla ba ipona tsapa mo go bueng ka tsela eo ka e ba rontsha go le gontsi fela thata mo matshelong a bone go akarediwa le go tlhabologa ga motse.
E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Moala Gaerupe a lekodisa mopalamente le banni fa ba tla a dika ba orile molelo wa mariga ka thobo mo masimong a bone e ne e nametsa morago ga go nelwa ke dipula tse di namagadi.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa matshwenyego ka fa bangwe barui ba ntshitseng masimo a bangwe mahudiso ka ba disetsa leruo la bone mo go one, a bolela fa go dira jalo go tshwanetse ga ema ka ponyo ya leitlho ka seo e a bo e le go senyetsa puso madimadi a e a dirisitseng go lemela balemi go ba inola mo lehumeng.
Kgosi Gaerupe a re fa seo se ka tswelela se diragala, le ba boipelego ga ba kitla ba emisa go kwadisa batlhoki ba ba sha le mororo maiteko a go fedisa seo one a tshweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 May 2014