Breaking News

Ba kereke ya Promise of God ba supa lerato

22 May 2014

Ba kereke ya Promise of God ba supile mowa wa lerato ka go abela batlhoki ba le lesome dijo.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi, Mme Mphoyamodimo Modisaemang go tswa mo lephateng la boipelego, o supile fa lephata la S and CD le itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho ba akaretsa batlhoki, bana-le-bogole, bana ba sekole ba batlhoki le dikhutsana.

O ne gape a kaya fa ba thusa ka go fa bogakolodi mo diemong dingwe le dingwe tse di farologaneng tsa botshelo lefatshe ka bophara.

Mme Modisaemang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa khansele ya Kgalagadi e tshwere phage ka mangana ka e tlhokomela batlhoki ba le bantsi, a kaya fa mo Tsabong ba le 177.

O ne a leboga thata ba kereke ya Promise of God, ka ba supile mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ne a supa fa dimpho tsa kereke eo di le botlhokwa ka khansele e sa kgone go fitlhelela go thusa batho botlhe ba ba tlhokang dithuso tsa bone ka ntlha ya letlhoko la madi.

Fa aba dimpho tseo moruti wa kereke ya Promise of God,  Motlhatlhedi Mooke, o ne a kaya fa maikaelelo a bone e le dikereke, e le go rera lefoko la Modimo ka go aga setshaba sa Modimo le gone go rapelela botlhe ba ba bokoa, a bolela fa Modimo o na le thata ya go fodisa ba ba dumelang.

Moruti o ne a tlhalosa fa ba ne ba tla mo motseng wa Tsabong ngogola ka thomo ya Modimo; go tla go rera lefoko la boammaaruri. Mangwe a maikaelelo a bone o kaile fa e le go kgathalela le go tlhokomela ba ba tlhokang.

A re ba ne ba ikopanya le ba boipelelgo ba ba neng ba ba thusa go tlhopha batlhoki ba le lesome ba ba kgonneng go ba thusa ka dijo tsa P269.00 .O ne a supa madi a ditsa bolesome a ntshiwang ke balatedi ba kereke eo e le one a ba kgontshitseng go tsha dimpho tseo.

Le fa go ntse jalo, Mooke o ne a kgala thata baruti bangwe ba ba itirisetsang madi ao mo ditirong tsa bone, a kaya fa a tshwanetse go dira ditiro fela tsa ntlo ya Modimo.

Moruti Mooke o ne gape a kaya kereke ya bone e supile mowa wa lerato mo go mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe mo Tsabong, ka go mo rekela diaparo tsa madi a a ka tshwarang P700.00 le dikobo tse nne, morago ga go lemoga fa a na le letlhoko le lentsi, ka ebile a na le bana ba le bane mme a sa tshwara gope.

Moruti o ne a supa fa ikgethetse go tlhokomela mme yoo go fitlhelela bana gagwe ba gola le fa a setse a nyetswe. O ne gape a kgothatsa batho ba ba neng ba phuthaganetse mo kgotleng go tla go tlhomamisa ka kabo dimpho eo, go sala morago lefoko la Modimo ka nako tsotlhe le gone go ikanya mo go one ka e le one o ba fileng botshelo.

Modulasetilo wa komiti ya tlhabololo matshelo a batho mo khanseleng potlana ya Kgalagadi, Rre John Lentshikang o ne a galaletsa thata kereke ya Promise of God ka dimpho tsa dijo tse ba di ntshitseng, a supa fa seo e le mowa wa lerato, kutlwelobotlhoko le tshwaragano.

Rre Lentshikang, yo e bileng e le mokhanselara wa Kolonkwaneng – Bogogobo, o ne a supa fa madi a khansele ea abelwang ngwaga le ngwaga a le mannye, mo a sa kgoneng go lekana go thusa batlhoki botlhe ba ba mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, ka ntlha ya tlhaeleo ya madi.

O ne a kaya fa se kereke eo e se dirileng se kgatlhisa e bile se eletsega mme a gwetlha dikereke tse dingwe, dikompone tse di ikemetseng, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tsaya malebela mo kerekeng eo ka puso e ka seke e kgone e le nosi.

Modulasetilo wa komiti ya tlhabololo matshelo a batho, Rre Lentshikang, o ne a tlatsa ka go kgothatsa morafe wa Tsabong go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a teng ka seo se ka thusa thata go tokafatsa matshelo a bone le bana ba bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo Dimpho

Date : 22 May 2014