Breaking News

Ga ba itumedisiwe ke tsamaiso

22 May 2014

Puso e ne ya tseya tshwetso ya go fa batho ba ba tlhokomelwang ke khansele dikarata tse mo go tsone ba tsenyetswang madi kgwedi le kgwedi go itshetsa ka one.

Le fa go ntse jalo, go supagetse fa bontsi jwa badirisi ba dikarata tseo ba sa itumelele tsamaiso ya mabenkele mangwe a ba dirisang dikarata tseo go reka mo go one.

Bangwe ba re beng ba dikgwebo dingwe ba a ba kgokgontsha ka dikarata tsa bone, mme bangwe ba patelediwe go dirisa madi otlhe a ba a tsenyetswang ka kgwedi. 

Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore ba bona thuso morago, fa mongwe le mongwe yo o dirisang madi go reka a sena go thusiwa.

Mo potsolotsong ka maitemogelo ao, mogolwane wa boipelego, Rre Nelson Elias, o supile fa dingongora tse di ise di goroge kwa go bone.  A re ka nako ya fa dikarata tseo di simolodisiwa, botlhe ba ba amegang ba ne ba fiwa tshwanelo ya go dirisa madi a bone ka nako e ba eletsang ka yone, le go reka tse ba dumelang gore ba a di tlhoka ka nako eo.

A re ba ile ba itemogela gore fa go rekwa dijo le melora gangwefela, o fitlhela dingwe di senyega ka gore di a bo di sa tlhokege ka nako eo.

Rre Elias o ne a tlhagisa beng ba dikgwebo fa bareki ba dikarata tse ba tshwana fela le ba bangwe.

A re e re le ntswa ba ise ba bone ope a tla go ikuela kwa go bone, ba tla tsaya matsapa a go ya go tlhola seemo mo badirising, mme fa ba ka fitlhela bonnete mo kgannyeng eo, ba tla patelesega go kgaoganya dipapadisanyo le beng ba dikgwebo tsa go nna jalo. BOPA

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2014