Childline e amogela dimpho
21 May 2014
Babereki ba khansele le ba motlobo wa dibuka mo Gaborone ba abetse lekgotla la Childline dimpho.
Dimpho tseo di akaretsa maungo,diaparo le madi a a kanang ka makgolo a supa le masome a mane le bobedi.
Fa a ntsha la gagwe kwa kabo dimpho eo mo boemong jwa khansele ya Gaborone, Mme Dorcus Champane o tlhalositse fa ba gwetlhilwe ke lenane la ‘adopt a child’ le ka lone sechaba se rotloediwang go thusa go tlhokomela bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong a tlatsa ka gore ke ka moo ba boneng go le maleba go itlhophela lekgotla la Childline ka le lone le itebagantse le go tlhokomela bana.
Mme Champane a re ba itlhophetse go thusa bana ba ka ngwaga wa 2012 mme ba netefatsa gore ba ba abela sengwe ngwaga le ngwaga.
A re ba ntsha bonyenyane jo ba nang najo go thusa go kgobokanyetsa bana bao gore le bone ba tshele fela jaaka bana ba ba leng mo malwapeng a bone.
Mme Champane o tlhalositse fa ba ikemeseditse go tsweledisa lerato le ba nang nalo mo baneng bao.
Go tswa kwa ofising ya ga molaodi, Mme Bongane Ikaneng o tlhalositse fa go le botlhokwa go abela bana bao maungo ka jaana go le mariga mme ebile a ka ba thusa go thibela malwetsinyana aa tlang le mariga godimo ga moo a re maungo ao a tla thusa go nonotsha mebile ya bone.
Fa a leboga, mothusa modulasetilo wa lekgotla la Childline, Rre Base Sebonego o akgotse badiri ba khansele le ba motlobo wa dibuka a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle fela thata.
Rre Sebonego a re lekgotla la Childline le ikaegile thata ka go abelwa dimpho le dithuso tse dingwe mme le fa go ntse jalo go santse go na le letlhoko la madi le ditsompelo go thusa go tlhokomela bana bao.
A re bana ba ba tlhokomelwang ke lekgotla la Childline le bone ba tshwanetse go neelwa tlhokomelo ee fiwang bana ba ba nnang ko malwapeng a bone.
Rre Sebonego a re le ntswa bana bao ba abelwa dimpho fela ba tlhoka nako ya botsadi ba fiwa lorato jaaka bana ba ba ko malwapeng a supa fa nako ke selo se se botlhokwa ebile e ka dira pharologanyo mo matshelong a bana bao.
Lekgotla la Childline le thusa bana ba ba tlhokang go sireletswa. Mme bana bao ba nna fela ko dikagong tsa Childline go fitlha diemo tsa ko malwapeng a bone di siama.
Le tsaya bana ba le masome mabedi ka palo mme fa go na le ba ba tlhokang boroko ba kopelwa ko dipateleng le mafelo a mangwe a a tsayang bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : GABORONE
Event : Kabo-dimpho
Date : 21 May 2014