Breaking News

Ba lela ka tlhaela ya lefatshe

22 May 2014

Modulasetilo wa komiti ya palamente e e itebagantseng le tsa temo-thuo, lefatshe le bonno Rre Moeng Pheto o tlhalositse fa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e tshwenya fela thata.

Fa a tlhalosa mo phuthogong ya kgotla kwa Tsabong bosheng modulasetilo yo e bileng e le mopalamente wa Kweneng Borwa Rre Moeng Pheto a re Kgalagadi o namile le molelwane wa Aferika Borwa se se dirang gore lefatshe le le dikaganyediwe ke dipolase tse di hupeditseng batho ba lefelo le.

A re metse e tshwana le bo Heriford (Bray), le bo Bokspits o fitlhela go na le sekidi sa motse se se dikaganyeditsweng ke dipolase, se se dira gore batho ba metse e ba sale ba sena mahudiso a leruo la bone le lone lefelo la bonno.

Fa a tlhalosa Rre Pheto a re mopalamete wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa e bile e le leloko la komiti e o sale a ba tsentse tsebetsebe ka letlhoko la lefatse le matshwenyego a ba nang le one mo kgaolong e, ka jalo ba tsile mo kgaolong eo go tla go itseela ka tsebe gore ba kgaolo ya Kgalagadi ba eletsa gore ba ka direlwa eng fa go tla mo lenaneong le le tsamaisang lefatshe.

A re Rre Toto o ne a kopile gore pele ga palamente e phatlaladiwa go ya ditlhophong ba tshwanetse gore komiti e bo e setse e itebagantse le dikgang tsa tlhaelo ya lefatshe mo Kgalagadi e seng jalo tiro ya bone e le komiti e tlaa bo e sa wela.

Rre Pheto a re e re le ntswa komiti e le ya temo-thuo, lefatshe le matlo gompieno ba itebagantse thata le dikgang tsa lefatshe. A re ba sa tswa go bowa kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa ba tswang go anya maele gore bone ba dira dilo jang kwa dipolaseng.

Fa a mo tlatsa mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Gilbert Mangole a re moono mogolo wa patlo maikutlo ke go sekaseka paakanyo ya lenaneo la tsamaiso ya lefatshe mo Botswana.

A re se se ka thusa gore go seka ga nna le ope yo o tlaa kgaphelwang kwa thoko fa go dirwa lenaneo le. Fa ba ntsha la bone banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba supile fa ba tshwenngwa thata ke dipolase tse di dikaganyeditseng kgaolo ya bone le go tlhoka go dirisana sentle le ba lekgotla la kabo ditsha.

Ba re ba kopa gore lefatshe la morafe ko Heriford le okediwe ka batho ba metse eo ba sena kwa ba fudisang leruo la bone teng. Ba boile ba tlatsa ka gore leruo la bone le tshabelelwa ke go tsena mo dipolaseng tse di mo lefatsheng la Aferika Borwa mme go nne thata gore ba ka le golola.

Ba re fa puso e ka ba akanyetsa gore bogolo ba ipope digongwana ba bo ba fiwa dipolase se e ka nna dikganedi go itsa gore leruo la bone le tsene mo dipolaseng tsa batho.

Ba re kgaolo ya bone ke kgaolo e e senang pula ka jalo se se ka seke se dire gore temo e atlege mme fela kgaolo ya bone e nonne that a ka leruo, ka jalo ba re go botoka go fetola masimo go nna momahudiso ka leruo.

Ba re se se ka thusa gore ba boloke se ba nang le sone go na le gore ba tlogele lefatse le sa dirisiwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gagankalafe

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 May 2014