Breaking News

Baithaopi ba sepodisi ba baya bophepa kwa pele

21 May 2014

Baithaopi ba sepodisi sa Botswana ba supile fa tiro ya bone e se go thusa go lwantsha borukutlhi fela jaaka ba ne ba boloditse letsholo la go phepafatsa tikologo ya motse wa Mopipi bosheng.

Moeteledipele wa baithaopi ba, Mme Bomo Nkalafang o tlhalositse fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go phepafatsa motse wa bone ka ba ne ba lemoga fa tikologo e kgotlelesegile fela thata.

Mme Nkalafang o tlhalositse fa go kgotlelesega ga tikologo go ka baya matshelo a banni mo diphatseng, ka jalo ba ne ba gwetlhega go sela matlakala a a tletseng gongwe le gongwe mo motseng.

Mme Nkalafang a re montsana o tsalela fa go leng matlakala a mantsi teng ka nako ya pula, ka jalo se, se ka dira gore bolwetse jwa letshoroma bo aname thata. O  tsweletse  a tlhalosa fa tikologo e e leswe e sa siama ka e ka tsisa malwetse a le mantsi jaaka a a tshwanang le jwa letlhatso le letshololo.

A re malwetsi a, a ka hemiwa fela ka go phepafatsa tikologo ka jalo ba tsere tshwetso ya go sela matlakala a a tletseng mo tikologong ya motse.

A re bontsi jwa bajanala ba ba etelang kwa bokone jaaka Chobe, Maun le makgobokgobo a Okavango ba feta ka motse wa Mopipi ka jalo ba tshwanetse go kgatlhiwa ke tikologo ya motse o.

O tlhalositse fa ba dira se ba setse morago letshego la tebelopele ya setshaba le le rotloetsang botsogo jwa botlhe ka ngwaga wa 2016, ka jalo ba ikaelela go fitlhelela seemo seo ka go phepafatsa tikologo.

Mme Nkalafang a re ga ba a itebaganya fela le go lwantsha borukhutlhi mme ba na le ditiro tse ba di dirang jaaka go direla banana ba ba gobeang mo mebileng dikgaisano tsa kgwele ya dinao.

A re dikgaisano ke nngwe ya ditsela tse di thusang go kgapha banana mo go inaakanyeng le ditsela tsa borukutlhi le go itontela nnotagi.

O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo bo yang magoletsa mo tikologong ya motse wa Mopipi.  Ends

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Potsolotso

Date : 21 May 2014