Breaking News

Tsela ya Phitshane Molopo e mo lenaneong

22 May 2014

Banni ba Mabule mo kgaolong ya Borolong ba bete se molangwana, e bile magogwe a belaela lomepe ka ditsholofetso tse tona wa dipalamo le ditlhaelatsanyo Rre Nonofo Molefhi a di ba beileng pele, tsa gore tsela ya Phitshane Molopo/Mabule e tla dirwa monongwaga kgwedi ya Sedimonthole.

Banni bao ba buile jalo ka dipelo tse di neng di lebaga di hibitse thata mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tona Molefhi kwa Leporung, Dikhukhung le Mabule bosheng.

O ne a tlhotlhomisetsa fa tsela ya bone e tsile go dirwa e bile go setse go beilwa monwana tumelano le konteraka e e tswang Spain e  e bidiwang Elsamex International go tla go dira tsela.

Tona Molefhi o boletse fa konteraka eo e filwe dikgwedi tse thataro gore e bo e dirile moalo wa tsela, gore e tlaabo e feta fa kae, e tsaya metsi kae le go tlhopha mebu e tlaabong e dirisiwa mo tseleng.

Le fa go ntse jalo, tekodiso eo e ne ya seka ya wela sentle mo banning, ba re ba sale ba bolelelwa bogologolo gore tsela e mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo le gore e tla dirwa, go simolola ka tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir Seretse Khama; mme gompieno ke wa bone le mafoko e ntse ke one fela.

Banni ba boletse fa ba tla dumela ba bone jaaka Thomase wa baebele ka gore mapalamente a bone le makhanselara ba ntse ba ba solofetsa gore tsela e tla dirwa mo bogaufing, jaanong ga ba itse gore ba dumele mang ka dikgang tse di ntseng jaana, bangwe ba bolela fa e le sepolotiki fela, go kopa tlhopho mo go bone.

Ba re fa e le gore tsela e a dirwa, segolo e simolole mo motseng wa bone pele, ba tlhalosa fa ba beiwa bobi mo matlhong fela nako le nako. Ba re ba go lebega fa se jaanong e setse e fetogile pina ya tshwene. Banni ba kopile tona gore tshepiso e seka ya fetoga lefela la lefela.

Ba boletse fa tsela ya lekgwarapana ya gompieno e feditse bana ba bone ntateng ya dikotsi, ka e le maswe fela thata. Ba ne ba kopa gore fa Goodhope e ka atlega ya nna kgaolo e ikemetseng ka nosi jaaka Kgosi Lotlaamoreng II, a kopile, Mabule e nne kgaolo potlana, go atumetsa ditlhabololo kwa go bone, ba tlatsa ka go tlhalosa fa motse wa bone o le motona, e bile o feta e e leng dikgaolo potlana gompieno.

Le fa go ntse jalo, banni ba Dikhukhung le Leporung ba amogetse tsela e ba sa bolong go e solofetswa, mme ba kopa gore e fete mo metseng ya bone ka gore e kgologolo e feta kgakala le metse eo. Tona o tshepisitse gore tsela e tla dirwa ka madi a kopilweng kwa World Bank, mme puso ya ntsha seabenyana sa yone e bile madi ao a sale a ntse a le teng go simolola ka 2009.

Tona o ne a bua jalo a araba magatwe a gore madi a ne a isiwa kwa Kgomokgwana le go lwantsha HIV/AIDS, a re ditiego di dirilwe ke melawana ya ba World Bank. O boletse fa 400km o tla dirwa ka P2 billion, go akaretsa ditsela tse di mo Borolong le Ngwaketse Borwa le Moshupa Bophirima. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MABULE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 May 2014