Breaking News

Tona o batla tokafatso maduo

21 May 2014

Motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi o kgothaditse bagolwane ba thuto ba dikgaolo go tokafatsa  pereko mo dikgaolong tsa bone.

O buile se fa a kopane le bagolwane ba thuto kwa Ghanzi bosheng. A re go na le le go tlhoka go tiisa mo tirong kwa dikgaolong mme a ba rotloetsa go dira lenaneo la go tokafatsa maduo.

O ba rotloeditse gape go bereka mmogo go tokafatsa go dira tiro. Rre Masisi o supile fa a lemoga dikgwetlho tse a di beilweng pele ke Rre Galesenngwe Mohube.

Rre Mohube a re  ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya dipalamo, go sa tleng sekoleng sentle ga baithuti le maduo a a bokoa segolo jang kwa dikoleng tse di kgakala le ditlamelo.

O tsweletse a re ga go ope yo o eletsang go berekela kwa kgaolong ya Ghanzi, mme le fa go ntse jalo Rre Mohube a re ba leka go itebaganya le  dikgwetlho tse b abo ba ntshe maduo a ba ka a kgonang.

A re mo dingwageng tse di fetileng sekole se segolwane sa Ghanzi se ntse se dira sentle.A re sekole se, se amogela baithuti b a ba sa dirang sentle mme ba ntsha maduo a a botoka go nale a moithuti a tseneng ka one go tswa kwa sekolong sa magare.

Mo go tse dingwe, Rre Masisi o buile ka maiteko a puso a go tokafatsa  matshelo a badiri gammogo  le go atolosa dituelo tsa bone. O ba tlhaloseditse ka lenaneo la go reka matlo le dikoloi le le tsayang dingwaga tse di masome mabedi go nale tse di lesome jaaka pele.

O ba tlhaloseditse gape ka tetla ya gore badirela puso ba ka dira dikgwebo mme fela fa ba filwe tetla ke mokwaledi mogolo wa lephata. Rre Masisi a re puso gape e tla simolodisa thuto ya dikole tsa bananyana ele tsela nngwe ya go tokafatsa maduo mo dikoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GHANZI

Event : Bokopano

Date : 21 May 2014