Puso e itlamile go ntsha ditirelo tsa maemo
20 May 2014
Mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae o supile fa maikaelelo a puso e le go dira ditlamelo tse di maleba le go diragatsa ditirelo tsa lephata la botsogo tsa maemo a a kwa godimo mo setshabeng ka dinako tsotlhe.
Dr Somolekae o buile se bosheng fa a tlhalosetsa setshaba ka dielo le ditirelo tsa botsogo tsa boleng jo bo kwa godimo kwa Kgalagadi borwa.
Mothusa tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tshwanetse gore balwetse ba neelwe ditirelo tsa maemo a ntlha ka go newa dithuso tse di maleba mo dikokelong le dikokelwana.
A re go mo maruding a bodiredi jwa botsogo go tlhomamisa gore setshaba se kgotsofalela dithuso. O ne a kaya fa seo se ka thusa thata mo go okeleng batho go tla mo dipateleng ka bontsi ba sa belaele sepe le go kgobega marapo gore ba ka seke ba bona dithuso tse ba di tlhokang.
Dr Somolekae o kaile fa dikago tsa botsogo di agilwe ka mabaka a gore setshaba se nne le pabalesego e e siameng, go na le tlotlo le seriti ka go bona dithuso tse di siameng, ka botshelo bo le botlhokwa mo botshelong jwa mongwe le mongwe.
Mothusa tona o ne a kaya fa ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo bo ka diragala fela fa morafe le ba-na-le seabe botlhe ba ka tshwaragana le gone go dira mmogo ba na le maikaelelo le tebelopele a gore setshaba se babalesege.
O ne a lebogela bodiredi jwa botsogo jwa puso le jo bo ikemetseng go bo ba dira ka natla le botswerere ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa mo go tshepheng le go kgotsofala ga seshaba ka ditirelo tsa ba botsogo.
O ne a kgala thata badiri bangwe ba lephata la botsogo ba ba isitseng marapo go beng ka ba goga leina la lephata leo mo seretseng ka go tlhoka go thusa setshaba ka botho le ka dinako tse di solofetsweng, mme a ba kopa go ema ka dinao mme ba bereke ka tlhwaafalo ka seo se ka thusa mo go tlotlomatseng Lephata la Botsogo le go isa seriti sa lone kwa godimo.
Fa a amogela baeng Kgosi David Seetelo Toto ll o ngongoregile ka dithuso le ditirelo tse di kwa tlase tsa ba lephata la botsogo mo kgaolong ya kgalagadi borwa.
Kgosi Toto o ne gape a ngongorega thata ka tlhokomelo e e kwa tlase ya balwetse le dikago tse di sa lebegeng mo dipateleng a kaya fa botsogo e le konokono mo setshabeng.
O ne a supa fa matlakala a a sa olelweng le go tlhokomelwa sentle mo matlong a badirela puso, kwa malwapeng le kwa madirelong a kaya fa seo gape se ka kgotlela tikologo.
O supile fa tsholofelo e le gore e tlaa re morago ga go rola semmuso dielo tsa ditirelo tsa botsogo go nne le tokafalo ya ditirelo tsa botsogo tse di solofetsweng go diragadiwa mme go dumelwa fa di tlaa thusa mo go tokafatseng seemo seo.
Kgosi o ne a supile fa puso e leka ka bojotlhe go tokafatsa ditirelo tsa botsogo mo setshabeng mme sebe sa phiri e nne ba ba tshwanetseng go diragatsa ba e leng bodiredi, A kaya fa “Mashi a tswa thobeng a le phepa mme selabe se tla le motsaya kgamelo”.
O ne a kopa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le batsaya karolo botlhe mo go tlhomamiseng gore go nna le botsogo jo bo siameng ka go phepafatsa tikologo ka dinako tsotlhe.
Fa a kgwa Kgosi Toto dikgaba, Dr Somolokae o ne a solofetsa fa lephata la gagwe le tlaa dira bojotlhe go phimola dingongorego tsotlhe tse di builweng ke kgosi.
Mothusa mookamedi mo ditirelong tsa botsogo Dr James Otholo o ne a supa fa maikaelelo a bone go ya pele e le go tlhomamisa gore ditirelo e nna tsa boleng jo bo kwa godimo mo lephateng la botsogo mo lefatsheng leno.
O ne a kgothatsa setshaba go tlhoka go atlhola mme ba nne le seabe mo go tlhomamiseng gore a diphetogo di nna teng mo go tokafaseng maduo mo lephateng la botsogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 May 2014