Breaking News

Koporase ya metsi e abela sekole sa bana

20 May 2014

Go tsweng  bogologolo Batswana ba tshwere ngwao ya gore matlo go sha mabapi, jalo go gola ka mowa  wa kutlwelo botlhoko le lorato moo go gwetlhile bodiredi jwa koporase ya metsi ya Water Utilities go o tsweledisa ka go direla bangwe  ka bone.

Se, se supagetse  bosheng kwa Kokotsha mo moletlong wa kabo dimpho o koporase ya Water Utilities e neng e abela sekole se se botlana didirisiwa tsa metshameko di akaretsa diswinki ka go farologana, ditafole le ditilo.

Mogolwane wa Water Utilities Rre Moses  Dikgang o tlhalositse fa ntleng le go nosa setshaba gammogo le go kgopha metsi a a leswe, tiro ya bone e le go atolosa letsogo ka go thusa setshaba se ba  direlang mo go sone gore ba fetole matshelo a bone.

Rre Dikgang o kaile fa bodiredi jwa Water Utilities bo ne jwa etela kwa Kokotsha mme jwa thulantsha ditlhogo le ba komiti ya ditlhabololo  tsa motse go bona gore ba ka tsenya letsogo fa kae go thusa morafe wa koo, mme kwa pheletsong ba ne ba dumalana gore bodiredi bo baakanye diswinki tsa sekole sa  bananyana sa koo.

O supile fa  koporase e ne ya ntsha madi mangwe mme  le  bodiredi jwa koporase le jone bo ne ja kokoanya go tswa mo  dipateng tsa bone, jalo ba kgona go abela bana didirisiwa di akaretsa  tse di baakanyang diswinki, go reka diswinki tse dingwe gammogo le go baakanya le go penta tse di neng di le teng.

A re e le ba koporase ya Water Utilities ba ne ba reka ditafole di le nne le ditilo di le lesome le borataro tse di tlaa dirisiwang ke baithuti ba sekole se se botlana.

O tlhalositse fa ba ne ba betla diswinki tse tlhano fa godimo ga tse ba di fitlhetseng ba dirisa maotwana a  a sa tlholeng a le mo tirisong le didirisiwa  tsa didiba tse di ka se tlholeng  di dirisiwa.

O tlhalositse fa  seo  se le botlhokwa ka  e le go dirisa gape dilo tse di senyegileng.Rre Dikgang o tlhalositse fa ba tlaa seke ba felele fela fa mme ba tlaa atolosa se ba se dirileng  go anama le kgaolo yotlhe ya Kgalagadi.

O kaile  fa  mo nakong e e fetileng  ba  ne ba aba mpho ya go tshwana le eo  kwa motseng wa  Vaalhoek mme ba le mo thulaganyong ya go abela dikokelo tsa Tsabong le Hukuntsi mo nakong e e sa fediseng pelo.

O ne gape a lebogela tirisanyo mmogo ya morafe wa Kokotsha ka go tshwaraganela  tiro  le bone, a re se ke tshimolodiso ya botsalano go ya go ileng. Mo godimo ga moo, mogolwane wa Water Utilities o ne a tlhalosetsa morafe wa Kokotsha fa maikaelelo a  bone  e le go  thusa morafe ka tlotlo le manontlhotlho ka nako tsotlhe.

Rre Dikgang o ne a  tswelela ka go itsise setshaba ka dikomiti tsa metsi tse ba di simolodisitseng bosheng mo metseng yotlhe ya Kgalagadi e e masome mararo le botlhano.

A re di tla simolodisiwa semmuso mo bogaufing.  O tlhalositse fa maloko a dikomiti tse ele beng ba metse ba tla tladiwa ke  modiredi wa Water Utilities. O supile fa tiro ya dikomiti tse e le go lomaganya morafe le koporase ya metsi, a kaya fa morafe o tlaa isa dingongorego  le megopolo ya bone kwa dikomiting tse mme dikomiti di rolele Water Utilities megopolo le dingongorego  tsa setshaba.

A re ka go dira jalo go ka nna le tokafalo mo go ntsheng maduo a a itumedisang gape go ka kgotsafatsa le sone setshaba ka e bile tiro ya bodiredi jwa koporase e le go isa ditirelo tse di kgotsofatsang kwa setshabeng.

Fa a leboga mokhanselara wa Kokotsha Rre Willem Titus, o ne a akgola koporase ya Water Utilities a re ke maiteko a mantle a ba a dirileng ka go abela morafe wa kokotsha dimpho.  

Rre Titus o tsweletse a tlhalosa fa tiro e e dirwang ke ba koporase  ya go nosa batho metsi mo sekakeng  e se motlhofo mme a re o itumedisiwa ke gore le ntswa  ba dira tiro e e bokete jaana, se ga se ba itse go fetola matshelo a setshaba ka go ba abela dimpho.

Mokhanselara Titus o  tlhalositse gape fa dimpho tse di le botlhokwa, a tlatsa ka go supa fa ditilo le ditafole di tlaa emisa seemo sa go kgobokana ga bana ba pataganela tafole ba le bantsi.

Rre Titus o supile fa diswinki di thusa bana go itapolosa tlhaloganyo e bile di rotloetsa bana go tsena sekole ba sale bannye mme ba gole ka mowa oo wa go se rata.

A re se, se ka thusa go emisa mathata a go tshaba sekole ga bana a a lebaganeng  ba lephata la thuto kwa kgaolong ya  Kgalagadi.

Rre Titus o gateletse gore thotloetso ya go tsena le go rata sekole e e tlaa tlisiwang ke mpho e, e tla thusa mo katlegong ya nngwe ya matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016 ya go nna setshaba se se rutegileng.

Letsatsi  le ne la natefisiwa ka  metshameko ya kgwele ya dinao le diatla, ditlhopa   tsa Water Utilities di ne di nkgisana magwafa le ditlhopha tsa Kokotsha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : KOKOTSHA

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 20 May 2014