Breaking News

Banana ba gweba ka go apeela badiri ba Ipelegeng

20 May 2014

Banana ba motse wa Gweta mo kgaolong potlana ya Tutume ba itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, banana ba ebong Mme Gabana Thuso, Mme Ikotlhaeng Keletso le Rre Molatedi Seteng  ba boletse fa lenaneo leo le le mosola ka jaana dipoelo tsa teng di nametsa.

Mme Gabana Thuso, yo o dingwaga di masome a mabedi le botlhano,  ke mongwe monana yo o nnileng sego go bona sebaka sa go apeela badiri ba Ipelegeng kgwedi eno ya Motsheganong.

O boletse fa apaya borotho jwa mahura jo bo itsegeng ka mangwinya, mapakiwa, setampa le moro mme e bile a tlhalosa fa nako tse dingwe a dira dinotsididi. A re dijo tseo o di apaya ka go farologana go ya ka malatsi a beke.

Mme Thuso a re o na le tsholofelo ya gore fa malatsi a gagwe a go apaya a wela o tla bona dituelo tse di botoka.

O supile fa a ikaelela go dirisa dituelo tseo go tokafatsa botshelo jwa gagwe morago ga gore a fetse lokwalo la botlhano kwa sekoleng se segolwane mme a seka a dira sentle.

A re le fa a boetse gape kwa sekoleng ka lenaneo la thuto ka tlhaeletsano, o na le keletso ya go tsenelela dithuto tse dingwe tse di tla mo thusang go bona tiro e e botoka, ka jalo a re o tla ithusa ka  lemmenyana le.

Yo mongwe wa banana Rre Molatedi Seteng yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano, yo le ene a  apeelang badiri kgwedi e, o supile fa lenaneo leo le le mosola.

A re maikaelelo ke gore fa a sena go bona dituelo, a bule semausu se ka sone a tla itshetsang le ba lelwapa la gagwe mme gape a duelela le bana kwa sekoleng. Rre Seteng a re o dirisitse madi a a kanaka sekete le makgolo a  supa go reka dijo tsotlhe tse a di apeelang badiri ba Ipelegeng.

Le fa go ntse jalo, a re o solofetse go duelwa madi a a fetang a a dirisitseng go menagane.

Mme Ikotlhaeng Keletso, yo o dingwaga di masome a mararo  ke mongwe wa ba ba apeileng dikgwedi tse di sa tswang go feta. Le ene o supile fa lenaneo le ntsha maduo a a nametsang, a re morago ga go bona dituelo, o ne a ituelela go dira setlankana sa go kgweetsa gore a tle a bone tiro e e botoka.

O tsweletse a re madi a mangwe o ne a ithusa ka nako ya temo go reka tse a di tlhokang fa a mangwe a ipoloketse go a dirisa mo isagong. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gweta, Rre Ledule Baraki a re ka kgwedi ba thapa batho ba ba apayang ba le bane.

A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsere tshwetso ya gore bagolo le banana ba fapaanele go apaya.

O tlhalositse gore kgwedi e nngwe go apaya bagolo fela fa e nngwe go apaya banana  mme a re tshwetso eo ke gore lenaneo le sologela batho botlhe ba motse mosola.

Modulasetilo o  tlhalositse gore botlhe ba ba atlegang go apela babereki ba Ipelegeng, ba botsogo ba ba tlhatlhobela kgotlholo e tona le gone go tlhatlhoba fa go apeelwang teng, maikaelelo e le go netefatsa gore ga ba beye matshelo a ba ba apeeelwang mo diphatseng.

Go sale foo, Rre Baraki o akgotse lenaneo la Ipelegeng a supa fa le fokotsa palo ya batho ba ba sa berekeng mo motseng, a re ka kgwedi ba thapa batho ba le lekgolo le masome a mararo le botlhano.

O  supile fa lenaneo la Ipelegeng le thusa go phephafatsa motse, diofisi tsa puso le gone go nna le seabe mo ditirong tse di tlhabololang motse.

Rre Baraki o ne gape a supa fa dituelo tsa Ipelegeng di dira pharologanyo mo matshelong a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GWETA

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2014