Lekawana le ipona molato
20 May 2014
E rile bosheng lekawana la dingwaga tse di lesome le boferabongwe la ipona molato mo melatong e meraro e le e lebisitsweng fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Jwaneng.
Tshephang Basimanyana wa kgotla yoora Mokhutshwane kwa motseng wa Samane o ne a ipona molato wa go thuba ntlo le wa go utswa.
Dintlha tsa ba bosekisi di ne di supa gore e rile kgwedi ya Phukwi e le fa gare ga malatsi a le lesome le boferabobedi le masome a mabedi le borobabongwe ngwaga o o fetileng, mosekisiwa a thuba a ba a tsena mo teng ga ntlo ya ga Rre Moshaga Nkgabane wa kgotla ya Lekomane gone kwa Samane.
Molato wa bobedi ke wa go utswa senkgisa monate le karata ya banka. Mo molatong wa boraro go tlhalositswe fa e rile mo go yone kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fetileng fa gare ga malatsi a le masome a mabedi le borataro le masome a mabedi le bosupa mosekisiwa a utswa madi a a kana ka dikete di le pedi le makgolo a ferabobedi e le a ga Rre Nkgabane.
Morago ga go balelwa melato e, mosekisiwa o ne a seka a diela lekgotla nako mme a supa fa a ipona molato mo makgethong otlhe ka boraro.
Ba bosekisi ba ne ba kopa lekgotla go tlosolosa tsheko ka ba ne ba sa ipaakanyetsa gore mosekisiwa o tlaa ipona molato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Tsheko
Date : 20 May 2014