Breaking News

Seemo sa ditsela se ngomola pelo

20 May 2014

Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e itsisitswe fa ditsela mo kgaolong eo di le mo seemong se se sa jeseng diwelang.

Modulasetilo wa khansele, Rre City Kealotswe o tlhalositse fa tshekatsheko e e neng ya dirwa ke ba lephatana la ditsela mo khanseleng e supile fa seemo sa ditsela e le se se ngomolang pelo. Rre Kealotswe o boletse fa go supagetse fa go tlhokega gore go potlakelwe go busetsa dilo mo mannong.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa mo ngwageng ono wa madi, khansele e tla kgona go gopa fela tsela e le nngwe e dirisa dikonteraka tse di ikemetseng, fa mo metseng e mengwe go tla dirisiwa dikoloi le didirisiwa tse di gopang tsela tsa khansele ka go na le tlhaelo ya madi.

Mo kgannyeng e sele, Rre Kealotswe o ne a supa fa go nnile le dipego tsa go bolawa ga leruo ke ditau kwa metseng ya Patayamatebele, Matopi, Matsiloje le mo merakeng e e mabapi.

A re go supagetse fa leruo le le bolailweng, le le akaretsang dikgomo di ferabongwe, ditonki di le lesome le dipitse tse pedi le bolaetswe kwa mafudisong bosigo, selo se a kaileng fa se supa fa barui ba sa dire go lekane go tlhokomela leruo la bone.

O ne a gwetlha barui go lemoga fa phimolo dikeledi e tla dirwa fela morago ga go sena go lemogwa ka ditshekatsheko fa ba ne ba dirile go bonala go tlhokomela le go dibela leruo la bone.

Mo ntlheng e nngwe, o boletse fa go busediwa ga dikgomo mo bontlheng bongwe jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba jo bo neng jwa amiwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo mo dingwageng tsa bosheng go setse go weditswe.

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa fa go busediwa ga dihutshane go le bonya ka ntlha ya tlhaelo ya tsone go ralala lefatshe leno. A re metse ya Patayamatebele, Ditladi le Matopi e amilwe thata ke seemo se ka le mo nakong eno barui bangwe ba sa ntse ba letile go busediwa dihutshane tsa bone.

Fa ama lenaneo la ISPAAD, Rre Kealotswe o ne a supa fa mo pakeng e e sa tswang go feta ya temo, palo ya diekere tse di lemilweng e godile go tswa kwa go makgolo a robabobedi go ya kwa diketeng di feta lesome le borataro.

Koketsego e, o boletse fa e bakilwe magareng ga tse dingwe ke go na ga dipula tse di namagadi, katoloso ya nako ya temo, go nna teng ga didirisiwa tse di maleba tsa temo ga mmogo le go tshwara ka natla ga balemisi le balemi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 20 May 2014