Ba Gweta ba akgola Batshu
20 May 2014
Banni ba Gweta kwa kgaolong potlana ya Tutume ba akgotse tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu go bo a iphile nako go ba etela le go buisa phuthego mo kgotleng ya bone.
Ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e tona a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng. Ba re Rre Batshu ke ene tona wa ntlha go buisa phuthego ya kgotla kwamotseng morago ga sebaka se seleele.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Ledule Baraki o ile a kopa matona a lephata la temo thuo, la diphologolo le makgabisa naga le la dikgaolo le tlhabololo matshelo a selegae go ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone.
Rre Baraki a re ele barongwa ba banni, ba nna ba na le dikgang tse di batlang go kopanelwa ke setshaba le matona a amegang gore ka tshwaragano ba tle ka tharabololo ya tsone.
O ile a ngongorega ka go runya ga dikereke mo motseng, a re seemo sa teng ga se amogelesege ka di lala di letsa diletso masigo, le bana ba dikole ga ba sa tlhole ba ithuta sentle. O kaile fa se, se ama dithuto tsa bana fela thata.
O tsweletse a kopa gore go nne le molao o o laolang ditlhwatlhwa tsa magadi, a re batho bangwe ba na le keletso ya go nyala mme ba felela ba retelelwa, ntateng ya tlhwatlhwa ya magadi.
A re gape le gone go rotloetsa baratani go nna mmogo ba sa nyalana. Ene e rile pele a amogela baeng, Kgosi ya Gweta, Kgosi Lesupang Mapine a kopa gore go nne le tlhulaganyo ya go kwadisa ditlankana tsa bana tsa matsalo kwa dikokelong ka bana ba belegelwa koo gona le gore di dirwe kwa diofising tsa kwadiso matsalo, dintsho le manyalo jaaka e le tlwaelo.
Kgosi a re seo se ka tlhofofaletsa batho tiro ka e bile mo Gweta ba patelesega go ya go dira ditlankana tseo kwa toropong ya Sowa.
Mme Botlogetswe Mabochwe o ile a kopa gore ditlamelo tsa botsogo di tshwana le go sidilwa mmele le tse dingwe tse di latelwang kwa dikokelong tse ditona e nnne dingwe tsa ditlamelo tse di tsisiwang kwa bathong.
Fa a ba araba, tona Batshu o ne a bolela fa go ise go nne le thulaganyo ya go ka kwadisetsa matsalo a bana kwa dikokelong ka didirisiwa tsa boranyane di sa ntse di le boutsane go ka isiwa teng koo. Le fa go ntse jalo, tona o ne a ba solofetsa fa a tla isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : GWETA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 May 2014