Maranyane a ka tokafatsa maitemogelo
19 May 2014
Mme Itumeleng Ramsden a re letsatsi la mafatshe fatshe la bana ba basetsana le tsa maranyane le diretswe go rotloetsa bana ba basetsana le bomme go dirisa tsotlhe tse di leng teng mo go tsa ditlhaeletsano le maranyane go tokafatsa matshelo a bone.
Mme Ramsden o buile jalo mo moletlong wa ‘Girls and ICT’ o o neng o tshwaretswe kwa Annes Park kwa Selebi Phikwe bosheng.
A re fa e sale ka 2012 letsatsi la go nna jaana le tshwarwa go le Labone kgwedi ya Moranang e tlhola gane ngwaga le ngwaga, mme gompieno ba tshwere letsatsi le ba itebagantse le letsatsi la mafatshe fatshe la ditlhaelatsano ka mabaka a phetogo ya malatsi a dikole a a amilweng ke dikgaisano tsa bobedi tsa mafatshe a Aferika tsa banana tse di tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi.
A re letsatsi le, le itebagantse le go rotloetsa bana ba basetsana ba ba santseng ba le kwa dikoleng go tswelela ka dithuto tsa maranyane go fitlhelela ditoro tsa bone.
A re sebaka se santse se le teng sa gore bana ba ba dirang dithuto tse di sa itebaganyang le tsa maranyane ba ka di fetola ka mo nakong ya gompieno sengwe le sengwe ke se se tlhokang gore motho a bo a ithutetse tsa maranyane.
Mme Ramsden o tlhalositse fa moono wa letsatsi o o reng, ‘go katolosa kitso le go fetola boitshwaro’, e le kgwetlho mo ngwaneng mongwe le mongwe wa mosetsana go bulega tlhaloganyo go fetola dikakanyo tsa gagwe ka se a batlang go nna sone mo botshelong.
O kgothaditse banana gore ba ithute thata mo go tsa maranyane, a tlhalosa fa ba bone go le maleba go laletsa dikompone tse di dirang ka tsa ditlhaelatsano tse di farologaneng di akaretsa Mascom, Orange, Botswana Post, beMobile le tse dingwe go tla go tlhatlhelela banana.
O tlhalositse gore fa motho a batla go nna modiredi wa dikompone tsa go nna jaana ke gore a bo a dirile dithuto tsa maranyane, ka jalo a kgothatsa bana ba basetsana go tlhagelela thata mo go direng ka tsa maranyane.
Mme Ramsden o rotloeditse bana go fetola ka fa ba akanyang ka teng, a re ba tshwanetse go nna le keletso le lenyora la go itse gore ga go na se se thata fela fa motho a na le lorato lwa go dira sengwe mo botshelong.
Fa a tswa la gagwe, Mme Agang Ditlhogo a re go supagala fa lefatshe la Botswana le tshwere ka thata mo go godiseng tsa maranyane.
O tsweletse a re go botlhokwa thata go ruta bana ka tsa maranyane ba sa ntse ba le kwa tlase ka go ka ba bula ditlhaloganyo. O tlhalositse fa ba boloditse letsholo kwa Gaborone le Maun mme a re o solofela gore mo tsamaong ya nako ba tlaa fitlhelela mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo
Date : 19 May 2014