Breaking News

Sepatela sa palapye se abelwa dikobo

19 May 2014

Dikereke tsa New Jerusalem, Bethlehem Faith Mission le ya AB FGAC di supile mowa wa kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka go abela sepatela sa Palapye dikobo di le masome a mararo.

Fa a bua kwa kabo dimphong eo mo boemong jwa dikereke tse, Moruti Osego Seokomela o boletse fa ba ne ba bona go le maleba go ikopanya e le dikereke tse tharo go rekela balwetse ba ba robaditsweng kwa sepateleng dikobo, segolo bogolo mo pakeng e ya mariga.

Moruti Seokomela o tlhalositse fa lorato lwa Modimo ga mmogo le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone di ba gwetlhileng go dira se ka lefoko la Modimo le re go sego ba ba kutlwelo botlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko le gore motho o tshwanetse go direla ba bangwe jaaka a batla ba mo direla.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Onnetse Ramogapi  yo e neng e le sebui sa tlotla o boletse fa go itumedisa go bona bangwe ba Batswana ba eme ka dinao go tsenya letsogo mo letshegong la Tebelopele ya Setshaba ya 2016 la go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.

Rre Ramogapi o tsweletse a supa fa Modimo o itumelela se se dirilweng ke dikereke tse ka baebele le yone e rurifatsa ka mowa wa kutlwelobotlhoko.

O tlhalositse fa e le maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go ipotsa gore seabe sa gagwe ke eng mo tebelo peleng ya lefatshe ka go setse dingwaga di le pedi fela gore go tsenwe mo ngwageng wa 2016.

A re nako e gorogile ya gore Batswana ba tlogele go nna ba botsa gore lefatshe le ba diretse eng mme ba ipotse gore bone ba diretse lefatshe la bone eng.

Fa a ntsha malebo  moeteledipele wa sepatela sa Palapye Dr Gobusaone Morupisi o boletse fa ba lebogela se se dirilweng ke dikereke tse ka balwetse ba tlaa dika ba sa bolawe ke serame.

O boletse fa go itumedisa go bona fa lorato lo go rutiwang ka lone kwa dikerekeng lo sa felele fela teng mme o diragadiwa le kwa ntle mo setshabeng.

E ne ya re morago ga kabo dimpho ga tsamaiwa go tlholwa balwetse ba ba robaditsweng mo sepateleng ba bo ba bewa fa pele ga ga ramasedi ka dithapelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : PALAPYE

Event : Kabo-dimpho

Date : 19 May 2014