Breaking News

Rammolai o tlhomiwa go nna kgosi ya Makabi

19 May 2014

E rile bosheng kwa motseng wa Palapye ga tlhomiwa Rre Dikakanyo Rammolai go nna kgosi ya kgotla ya Makabi.  Rre Rammolai o tlhomiwa morago ga go tlhokafala ga kgosi ya pele ya kgotlana eo Rre Seboka Ntlhaga ngwaga o o fetileng. 

Rre Dikakanyo Rammolai o tsholetswe kwa motseng wa Serowe kwa kgotleng ya Masilo ka ngwaga wa 1963.

Fa a mmaya mo setilong, kgosi ya motse wa Palapye Kgosi Masego Olebile o boletse fa e ne ya re morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Ntlhaga ba laola morafe wa kgotla ya Makabi go itlhophela kgosi, mme ka jalo ba itlhophela go etelelwa pele ke Rre Rammolai yo o neng a rurifadiwa ke puso.

Kgosi Olebile o tlhalositse fa Rre Rammolai a tsile go thulana le dikgwetlho tse di farologaneng ga mmogo le dipuo tsa morafe, mme a mo tlhagisa gore a tlhokomologe dipuo a itse fa e le tsala ya puso, e le ene a eteletseng morafe pele e bile a seka a iphitlhela a tsene mo dikgang tsa tshenyetso setshaba tsa go rekwa ka madi ka a senyeditse ba le bantsi ditiro.

Fa a mo ema ka lefoko, Kgosi Nkwaila Maphanephane wa kgotla ya Lotsane, o kopile Rre Rammolai go dira morero le batho ba gagwe ka nako tsotlhe ga mmogo le go bereka le dikomiti tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya twantsho borukutlhi le  ya sekole ya batsadi le baruta bana.

E rile a lebogisa monnawe, Mme Gaerupi Solomon Olebeng a kgothatsa Kgosi Rammolai go dira le morafe ka lorato le kagiso, go tsaya batho ka tekatekano le go nna bonolo ka gotwe ina le lentle le a ipatlelwa e bile kgosi ke thotobolo e olela matlakala.

E ne yare a ntsha la gagwe, mogolo wa motse Rre Maina Kgopo a tlhalosa fa peo ya kgosi e le tiro e kgolo ya ditso le ngwao, ke ka moo go na le mo go tweng ngwao boswa. 

A re Rre Rammolai a seka a tsenelela thata mo dipolotiking mo morafe o ka lemogang kwa a sokametseng teng ka e le kgosi.

Rre Kgopo a re Kgosi Rammolai a itse fa a felelang teng fa a tsaya ditshwetso, a botse fa a sa tlhaloganyeng teng e bile a dire le magosi a mangwe ba mo rute tiro, mme a seka a belwa ke bogosi jaaka batho bangwe ba belwa ke maemo.

O tsweletse a tlhalosa fa  kgosi ele kgosi ka morafe ka jalo a kgothatsa morafe wa Makabi go ema kgosi ya bone nokeng gore a kgone go ba etelela pele ka a ka se kgone a le nosi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : PALAPYE

Event : Peo ya kgosi

Date : 19 May 2014