Breaking News

Bomme ba kgatlhegela temo

19 May 2014

Fa e sale lenaneo la ISPAAD le simolodisiwa ka ngwaga wa 2008 e le maiteko a puso go direla Batswana dijo, bomme ba Mogorosi ba kgatlhegela temo ka dipalo tse di kwa godimo go na le borre.

Mo potsolotsong bosheng, molemisi wa motse oo, Mme Kelebonye Mogopodi a re mono ngwaga bomme ba le makgolo a mane  lesome le borobabongwe ba akotse go lema ka lenaneo la ISPAAD fa ngogola ba ne ba le makgolo a mane masome a mane le borataro.

O tlhalositse fa borre bone ba le makgolo a mabedi masome a matlhano le borataro mono ngwaga  go na le ba le makgolo a mabedi lesome le botlhano ngogola.

Mme Mogopodi o tlhalositse fa  bomme ba di goga kwa pele mo temong  ka gonne ,“Bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng, e bile ke thari ya setshaba. Ke bone ba ba tlamegang go bona gore bana ga ba wele mo isong ka dinako tsotlhe mo malwapeng.”

Mme Mogopodi o tsweletse ka go tlhalosa fa dipula tse dinamagadi tse di neng tsa tshologa di nnile le koketsego ya diekere tse di lemilweng kwa kgaolong ya gagwe mono ngwaga. O supile fa mono ngwaga go lemilwe diekere dile 1528, 42 go na le tse 1488,27 tsa  ngogola.

Le fa go ntse jalo, Mme Mogopodi  a re o tshwenngwa ke gore le ntswa balemi  ba kgatlhegela temo mo kgaolong eo, ba maoto a tshupa go tsaya menontshane kwa di ofising tsa balemisi go e dirisa. O kaile fa  ba ba tshetseng masimo a bone menontshane mono ngwaga ba le bane fela .  

A re menontshane e ka thusa balemi go tokafatsa thobo ka e ka nonotsha dijalo,  ka jalo o gateletse gore mo nakong e e tlang ya temo, balemi ba ikiteye ka thupana go tsaya menontshane eo.

Mme Mogopodi o rotloeditse balemi  go dirisa mefuta e mesha ya go lema jaaka go lema ka ditselana, a tlhalosa fa go na le maduo a a nametsang e bile  go ka ba tlhofofaletsa  go tlhagolela dijalo.

O tlhalositse fa a tla dira gotlhe go abela balemi ba kgaolo eo ditshetlana tsa methale  e mesha ya go lema gore mo nakong e e tlang ba nne le kitso ba bo ba e dirise ka bontsi .

Mo dikgannyeng tse dinngwe, kgosi ya motse wa Mogorosi Kgosi Kago Pherethego o gakolotse beng ba leruo  go tshwara leruo la bone go le itsa go senyetsa balemi kwa masimong.  A re go le gantsi ba begelwa dikgang tsa tshenyo ya dijalo ke leruo  selo se a kaileng se sa  tshedise  balemi sentle

Kgosi Pherethego o tlhalositse fa dijalo e se njo ya leruo ka jalo a re fa leruo le ka tshwarwa ke molemi mo tshimong, mong wa lone o tla tseelwa dikgato tse di maleba.

O kgothaditse beng ba masimo gore  ba tswelele ka go tlhokomela masimo morago ga go tlosa thobo, a tlatsa ka gore ke molato go leseletsa masimo gore leruo le je lotlhaka balemi ba bangwe ba santse ba lebeletse thobo ya bone.

O supile fa gantsi balemi ba ditema tsa ntlha ba na le gore fa ba sena go ntsha thobo ya bone kwa masimong ba bo ba leseletsa masimo a bone ka jalo  leruo le ipagolele mogodu go ja lotlhaka.

O kaile fa go le borai mo go ba ditema tse di saletseng kwa morago ka e tla re fa leruo le fetsa lotlhaka le ba tlhasele mme ba tswe ba iphotlhere le ntswa ba  ne ba ka roba sengwe.

Kgosi a re,“Ke maikarabelo a molemi mongwe le mongwe go tswelela ka go disa masimo a gagwe go fitlhelela nako ya thobo e wela ka dikgwedi tsa mariga le ntswa a tlositse thobo pele ga nako go sireletsa bang  ka ene go tla go ora molelo wa mariga.”  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 19 May 2014