Breaking News

Lephata le itsise banni ka diphetogo

19 May 2014

Mogolwane mo ofising ya lephata la diphologolo mo Serowe, Rre Rashi Tsalaile, a re lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go phimola dikeledi ba ba ka senyetswang ke tau le tlou ka selekanyo sa lekgolo mo lekgolong (100%).

Rre Tsalaile o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Mogorosi. O tlhalositse fa phimolo keledi e e farologane ka ditshetlana tse nne, e leng temo ya merogo, leruo, temo ya komelelo ya kgwebo le temo ya itshetso.

Rre Tsalaile a re temo ya merogo, temo ya komelelo ya kgwebo le ya itshetso di duelelwa pula ekere nngwe le nngwe. A re leruo lone le duelwa jaana; poo ke P5 500; namane ke P1 000; kgomo kgotsa mmoulo ke P3 000; tonki ke P200; podi ke P450; pitse ke P2 500, pholo e lopa P3 000 fa kolobe e duelwa P1 100.

Le fa go ntse jalo, Rre Tsalaile o ne a tlhalosetsa banni gore go na le gore mo leruong go nne le la boleng jo bo rileng jaaka simenthane, mme ga gona pharologano epe mo dituelong tsa leruo la go nna jalo a kaya le duelwa ka tsela e le nngwe fela.

O bile a tlhagisa banni gore kgomo e e amegileng mo tshenyong ya diphologolo tsa go nna jalo, e tshwanetse ya bo e na le tshipi ya mong e bile e jesitswe omang gape e na le letshwao.

A re tshimo yone e tshwnetse go bo e na le setlankana e le sesupo sa mong wa yone kgotsa fa motho a adimile masimo, a tshwanetse go nna le mokwalo o o lolameng go tswa kwa bogosing jwa motse, go tlhomamisa fa a adimile tshimo eo.

O tsweletse ka go tlhalosa gore fa diphologolo di sente dithoto di tshwana le terata, diphaephe le dipe fela dithoto tsa masimo, go lebelelwa ditlhwatlhwa tsa tsone mo mmarakeng ka nako eo, mme go dirwe tshoboko go duelwa dithoto tseo.

Rre Tsalaile o ne a lemotsha morafe gore ba ka bolaya phologolo nngwe le nngwe e ba e tshwarang e ba senyetsa, mme morago ba begele ba ba lebaneng jaaka ba sepodise, bogosi kgotsa ba ofisi ya lephata la diphologolo.

Banni ba motse oo ba ne ba itela mo bagolwaneng gore ba tshwenngwa ke ditholo kwa masimong. Tebang le seo, Rre Tsalaile o ne a ba kgothatsa go rua dintsa, ka di ka ba solegela molemo go kobakoba diphologolo tse fa di tla go senya. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2014