Banni ba atla mogopolo
19 May 2014
Balete ba supile fa ba atla tshutiso e e ntshitsweng ke mopalamente wa bone, Rre Odirile Motlhale, ya go fa dikgaolo 2% ya madi go tswa mo kabong ya madi a setshaba gore di a itirisetse mo letlhokong la dilo tse puso e sa kgoneng go di ba direla.
Ba buile se mo diphuthegong tse mopalamente a neng a di buisa kwa Ramotswa, Mogobane le Otse. Ba kopile gore fa molao wa tiriso ya madi o sena go dirwa le madi a sena go rebolwa, madi a a seka a dirisiwa fela mo metseng e metona, ba supa fa ditlhabololo di bonelwa fela kwa metseng eo.
Ba re fa madi a a ka dirisiwa ka tekatekanyo mo metseng, seemo sa metse ka bontsi se ka tokafala. E rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Motlhale a ba bolelela fa komiti e tla tlhophiwa ke morafe, go tsaya boikarabelo jwa madi a, mme tsholofelo e le gore metse yotlhe e tla nna le baemedi, le bana-le-bogole bone fela jalo.
O supile fa mopalamente a tlaabo a e eteletse pele mme a tla netefatsa gore ga go gogelwe kobo ntlheng e le nngwe. Fa ntsha la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Kagiso kwa Ramotswa, Rre Richard Ojang, a tlhalosa fa ba fokoditse botlhoka tsebe jo bo neng bo diragala mo sekoleng seo.
O tlhalositse gape fa e rile mo dingwageng tse di fetileng, sekole se, se ne se aperwe ke botlhoka tsebe jo bontsi, mme se se ne sa dira gore batsadi ba tseye bana ba bone ba ba pasitseng sentle mo dikoleng tse dikgolwane tsa Ramotswa, ba ba isa kwa sekoleng sa St. Josephs College kwa Kgale.
Rre Ojang o boletse fa ba ne ba sala ka bana ba bontsi jwa bone ba sa dirang sentle, mme se se dire gore sekole seo se seka sa dira sentle. Le fa go ntse jalo, Rre Ojang o kopile batsadi go emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ba ba tlogedisa sekole sa bone ka ditshenyegelo, a supa fa sekole sa Kagiso se na le bokgoni jwa go ntsha bana ba ba pasang ka maduo a a kwa godimo.
E rile ba ntsha la bone, batsadi ba supa fa ba tla emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ka tshepo ya gore sekole seo se boetse mo taolong. Ba re go isa bana kwa dikoleng di sele go a ba turela, e bile go tlotlomatsa dikole tseo, fa leina la sekole sa bone mo gae le gogoba mo seretseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : OTSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2014