Omang ke selotlolo
19 May 2014
Karata ya Omang ke selotlolo se se bulang dikgoro. Mafoko a, a builwe ke tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sehithwa mo kgaolong potlana ya Okavango bosheng.
Tona o tlhalositse fa e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le Omang, ka o tla kgona go mmulela dikgoro di tshwana le go bona dithuso tsa mananeo a puso e a beileng pele. “Omang ke letshwao la gore o Motswana”, ga bua jalo Tona Batshu.
Tona a re go a swabisa gore e be ka sena sebaka go bo go na le batho ba ba senang omang. A re gangwe le gape fa batho ba setse ba godile ba ise ba dire bo omang go a sokodisa ka go batla bosupi jo bontsi.
O gakolotse bogosi jwa motse gore ba nne kelotlhoko ka dikgang tse le gone gore fa ba fa bosupi ba rurifatse ka gona le dirukutlhi tse di batlang go tsaya karata ya omang ntswa e se Batswana.
A re gangwe le gape dikgosi di na le go dira diphoso ba baya monwana fela ba sena bosupi mme se se ba tsenye mo mathateng. Rre Batshu o ile a gakolola morafe fa go le maleba gore fa ngwana a sena go digela dingwaga tse di lesome le borataro a bo a rotloediwa go dira omang ka le gone go tla mo dira motlotlo gore ke Motswana.
O tlhalositse gape fa se, se le motlhofo ka ngwana o a bo a sa ntse a le monnye, jalo a ka supelwa motlhofo. A re Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa thata go obamela melao le boatlhodi, a tlatsa ka gore seo se ka tshegetsa kagiso le thokgamo e e renang mo lefatsheng leno.
Tona o amogetse fa dingongora di le teng mme a tshwaela gape ka go supa fa puso e leka ka gotlhe go itumedisa morafe ka nako tsotlhe. A re kgang ya go tlhoka go rekisa dikgomo le bone e a ba tshwenya, ke ka moo bo tona Christian De Graaf ba nnang ba tsamaya le mafatshe go leka go ba batlela mmaraka.
Kgosi ya Sehithwa, Kgosi Boitiro Dithapo, o tlhalositse fa ba itumeletse loeto la ga tona mme a kaya fa ba sa ntse ba tshwenngwa ke kgang ya go tlhoka diofisi tsa bodirelapuso, a bua fa mo e sa ntse e le boitseme jo bogolo. Kgosi gape o ledile ka bodiredi, a re ga bo lekane.
Kgosi a re o eletsa fa ba ka utlwa gore go tsamaya kae ka kgang ya gore motse wa Sehithwa o dirwe kgaolo potlana.
E rile a tsibogela dingongora tsa ga kgosi, Mothusa molaodi Mme Angelina Leano o tlhalositse fa ba sa ntse ba emetse phetolo go tswa kwa ofising e tona ya bone, a tlhalosa mme gore se a se itseng ke gore kgaolo potlana ba ne ba kopile gore e nne Shakawe mme Sehithwa yone e nne lefelo la ditirelo (service centre).
Dikgang tse go ile ga supa di sa tsaya baagi sentle mme ka jalo tona Batshu a laola gore bodiredi bo tle go tlhalosa kgang e sentle gore baagi ba itse gore boammaruri ke eng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2014