Ba bararo ba gobetse mo kotsing
18 May 2014
Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya kokelo ya Mahalapye e neng ya amega mo kotsing ya tsela fa gare ga Radisele le Tewane ka Labobedi, Motsheganong a tlhola lesome le boraro.
Go ya ka mookamela mapodise wa Mahalapye, Rre Amos Kekgathetse, kotsi e e diragatse ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme go bolelwa fa koloi e, e ne e tswa kwa sepateleng sa Nyangabwe.
Rre Kekgathetse o tsweletse ka go bolela fa koloi e, e ne e na le bapalami ba le bararo ka nako ya kotsi e diragala go balelwa le mokgweetsi
A re ditlhotlhomiso di supa fa mokgweetsi wa koloi ya kokelo a ne a fatlhiwa ke dipone tsa koloi ya mogobagoba e e neng e tswa kwa pele mme a latlhegelwa ke taolo. Mme mo maitekong a gagwe a go falola koloi ya mogobagoba o ne a thula dikgomo tse di neng di le fa thoko ga tsela.
Boraro jo boneng bo palame koloi e bo amogetswe kwa kokelong ya Mahalapye kwa ba alafelwang dikgobalo tse di potlana, fa mokgweetsi yo o dingwaga di masome a mane le bone a ntshitswe mo kokelong go ya go ikokela kwa gae.
A re bobedi jo bo robaditsweng mo kokelong ke mooki wa mme yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bone. Mme yo o bone dikgobalo mo mokwatleng, mo tlhogong le mo legetleng la molema, fa wa molwetse yo go bolelwang a tswa kwa Maun a gobetse mo tlhogong gammogo le mo nokeng.
Monna yoo wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano go bolelwa fa a ne a amega mo kotsing ya koloi e le lekgetho labobedi ka o amega jaana a tswa kwa Nyangabwe kwa a neng a alafelwa dikgobalo tsa kotsi ya koloi teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 18 May 2014