Kgang ya bogosi jwa Ratholo e marara
18 May 2014
Fa e sale kgosi wa Ratholo, Kgosi Molefe Mangadi a tlhokafala ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o o fetileng, ga go ise go bewe kgosi kwa motseng oo.
Mo potsolotsong, kgosi wa Majwaneng, Kgosi Gomolemo Molebatsi a re kgang ya bogosi jwa Ratholo e marara ka jalo e santse e tlaa rarabololwa.
A re e ne ya re dikgwedi morago ga Kgosi Mangadi a sena go tlhokafala, a rongwa kwa Ratholo go ya go ba kopa gore ba ithulaganye ba bone gore ke mang yo o ka nnang kgosi.A re dikgotla tsotlhe tse di akaretsang ya Bogopa, Moipei, Mangadi, Ratholo, Botalaote le Mokaanyane tsa bolela fa bogosi bo di lebagane.
O tlhalositse fa dikgotla tsa Botalaote le Bogopa di dumalana le ba kgotla ya Ratholo gore bogosi ke jwa Ratholo mme ba dikgotla tsa Moipei, Mangadi le Mokaanyane ka bongwe ka bongwe ba re bogosi bo ba lebagane.
Kgosi Molebatsi a re ba tlhalositse fa moswi Kgosi Mangadi e ne e le setlogolwana kwa Ratholo mme a tlholega kwa Tumasera ka jalo bogosi bo ne bo sa mo lebagana mme ba batla gore dilo di tlhamaladiwe.
A re kgang e nngwe e e buegang ke gore dikgosi tsotlhe tse di busitseng di ne di tlholega kwa kgotleng ya Ratholo ka jalo bogosi ke jwa kgotla eo. Kgosi Molebatsi okopile gore kgang ya Ratholo e fediwe ka bofefo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2014