Breaking News

Ba le batlhano ba thusitswe ka lenaneo

18 May 2014

Kwa kgaolong ya Borwa Botlhaba mo motseng wa Ramotswa go bolelwa fa lenaneo la nyeletso lehuma le thusitse batho ba le bararo ka dimausu, a le mongwe  ka la go roka fa yo mongwe a santse a rekelwa didirisiwa tsa go apaya borotho.

Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Paul Matongo, jaaka a ne a lekodisa morafe ka ditlhabololo kwa kgotleng ya Goo Ntsa, kwa phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa Borwa Botlhaba Rre Odirile Motlhale.

Rre Matongo o tsweletse a bolela fa batho ba le batlhano ba thusitswe ka lenaneo la dikoko fa ba le bararo bone ba neetswe  dipodi. O tlhalositse fa a tshwenngwa ke seemo sa batho ba ba tlhokafalang mme go sa itsewe se se ba bolaileng.

Fa a rola mafoko a gagwe, mopalamente Rre Odirile Motlhale, o tlhalositse fa a dule ka tshutiso e e neng e kopa palamente go abela dikgaolo madi a di ka a itirisetsang kwa ntle ga a khansele. A re madi a, e tlaa bo e le 2% ya kabo ya madi a setshaba, mme a tlaa fiwa dikgaolo ka go lekana, go dira ditlhabololo tse dipotlana tse puso e ka se kgoneng go di dira.

O tlhalositse fa go tlaa nna le komiti e e tlhokometseng madi a, mme mopalamente wa kgaolo a tlaa e etelela pele. Rre Motlhale o tlhalositse fa palamente e dumelane le tshutiso e mme ba emetse melawana e e tlaa laolang tsamaiso ya one.

Mo go tse dingwe, o boletse fa palamente e dumalane le molao wa gore go laolwe tiriso ya maranyane. A  re ka molao o, motho o ka kgona go itsheka fa mongwe a dirisa leina la gagwe botlhaswa kana a utswetswe ka maranyane. O tlhalositse fa pele ga molao o o nna teng, le fa motho a ne a gogagoga leina la yo mongwe  mo seretseng ka maranyane, a ne a ka se kgone go sekisiwa.

A re molao o gape o ka thusa  gore fa mapodise a kapile ditshwantsho di letlelelwe go dirisiwa e le bosupi kwa kgotla tshekelo.

Fa ba ntsha la bone, banni ba akgoletse mopalamente mogopolo wa go abela dikgaolo madi, ba supa fa o le montle fela thata. Ba tlhalositse fa ba a nwa metsi a a leswe ntswa  metsi a dutla gongwe le gongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2014