Breaking News

Batsadi ba goga dinao mo thutong ya bana

18 May 2014

Modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa Tutume, Rre Kopano Tamari a re ga a itumedisiwe ke go bona batsadi bangwe ba ikgogela morago mo thutong ya bana ba bone.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Tamari o boletse fa go itshupa fa batsadi bangwe ba sa supe kgatlhego mo thutong ya bana ba bone. A re batsadi bangwe ba tsaya nako e ntsi ba le kwa masimong ba itlhokomolositse bana ba bone ba sekolo.

Rre Tamari a re bangwe ba bana ba ba tsenang kwa dikoleng tse di kgolwane ba fetogile batsadi ka jaana ba tlogelwa ka morwalo wa go tlhokomela bomonnaabone fa batsadi ba ile masimong.

Rre Tamari o boletse fa seemo se, se baya botshelo jwa bana mo diphatsheng ka ba felela ba inaakanya le majalwa le gone go ineela go ratana le bagolo, a tlatsa ka gore bangwe bone ba felela ba tlogela le sone sekolo. Rre Tamari a re batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya fa thuto e le boswa jwa sennela ruri.

O tsweletse a re go botlhokwa  gore ba dire thulaganyo ya go bona gore bana ba na le ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang kwa sekoleng pele ba boela masimong.

O ne gape a re batsadi ba tshwanelwa ke go netefatsa gore ba tlogela bana ba le mo tlhokomelong ya mongwe yo mogolwane.

Rre Tamari o tlhalositse gore lefatshe leno le itshegetse tema ya gore ka 2016 e bo e le tshaba e e rutegileng gape e na le kitso, jalo se se ka kgonagala  fela fa batsadi ba ka supa boikarabelo jo bo tseneletseng mo thutong ya bana.

O tsweletse a re go botlhokwa gore batsadi ba etele dikole gangwe le gape  ka seo ga se dire fela gore go nne le tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana, mme go dira gore batsadi ba kgone go lemoga dikgwetlho tse barutabana ba lebaganeng le tsone.

Rre Tamari a re puso e tsweletse ka go dira maiteko a go tlhabolola thuto ya ngwana mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke mo-na-le-bogole kgotsa jang, ka jalo a re ba-na-le seabe ka go farologana ba tshwanetse go ema maiteko ao nokeng.

O kgadile a mmene phatla batsadi bangwe ba ba rekisetsang bana majalwa, a re ga ba sa tlhole ba kgona go farologanya bana le bagolo ka bana ba onaditswe ke majalwa a ba inaakantseng le one. O gakolotse batsadi ba ba dikobo dikhutshwane  go ikopanya le ofisi ya ga mmaboipelego go kopela bana paka ya sekolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 18 May 2014