Baithuti ba rotloetsa bophepa
18 May 2014
Baithuti ba Boitekanelo College ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato ka go abela bana ba dikhutsana ba sekole se sebotlana sa Tsabong melora e e tlhapang.
Mongwe wa baithuti bao, Mme Nicole Thipe o ne a tlhalosa fa e le baithuti ba ba nang le lebaka la dikgwedi tse tharo ba direla mo sepateleng sa Tsabong go ithuta ka tsa botsogo.
Mme Thipe o kaile fa ene le bangwe ba ba leng bane ka palo maikaelelo a bone e le go rotloetsa boitekanelo le bophepa mo dikoleng le mo metseng.
A re ba ne ba tsamaya mo motseng le dikole tse di mo Tsabong ba lekola botsogo le bophepa jwa bone, o kaile fa mo ditsheka tshekong tsa bone ba ne ba lemoga fa go na le bana ba ba sa lebegeng sentle ba le phepa ka mabaka a botlhoki mo sekoleng seo.
Moithuti go tswa kwa Boitekanelo College o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go thusa bana bao ka melora e e tlhapang, a supa fa ngwana yo o nang le botsogo jo bo siameng a rotloetsega go ntsha maduo a a kgatlhisang thata mo dithutong tsa gagwe.
O kaile fa ba ne ba kokoanya madi a a kanang ka P460 a e leng one a ba kgontshitseng go rekela bana bao melora e e tlhapang, e e tlhatswang, e e tlhapang meno le tse dingwe.
A tlatsa fa maikaelelo a bone gape e ne e le go fitlhelela le lengwe la matshego a tebelopele 2016, a tshaba e e nang le dikitso e rutegile ebile e itekanetse.
Fa a amogela dimpho tseo motshwarelela mogokgo mo sekoleng se sebotlana sa Tsabong Mme Dynah Gamodimo o ne a tlhalosetsa baithuti bao fa sekole seo e le sengwe sa tse dikgologolo ebile e le sa ntlha mo kgaolong ya Kgalagadi borwa, a supa fa gape se na le bana ba le 786.
Mme Gamodimo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa sekole seo mo dingwageng tse di fetileng se ne se na le palo e ntsi ya bana ba dikhutsana. A re mme mo nakong ya gompieno palo eo e setse e fokotsegile fela thata morago ga gore ba lephata la botsogo ba emele ka dinao bolwetsi jwa HIV/ AIDS ka go thusa ka dipilisi tse di ritibatsang mogare.
O ne a galeletsa thata baithuti ba Boitekanelo College go bo ba ne ba bona go le botlhokwa go tlhopha sekole sa bone mo dikoleng tse ba di sekasekileng mo Tsabong, a kaya fa e tlaa nna baeteledipele ba tlhotlhwa mo lefatsheng leno ba ba nang le boikarabelo le gone go ba eleletsa masego le matlhogonolo mo dithutong tsa bone.
Fa a ntsha mafoko a tebogo modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana (PTA) Mme Kelebilemang Sentlabane o ne a akgola baithuti bao go bo ba dirile tiro e ntle ya go abela bana melora. A kaya fa gape ba tlogetse motlhala o ba tlaa salang ba gopolwa ka one.
O ne a tlatsa ka go ba kopa go tswelela ba dira jalo le mo nakong e e tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo mpho
Date : 18 May 2014