Breaking News

Tlotlang pina ya setshaba - kgosi

18 May 2014

Kgosi ya Morwa kwa kgaolong ya Kgatleng o kopile morafe go tlotla pina ya setshaba.

Kgosi Masisi Ntshole o buile mafoko ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke badirela puso ba eteletswe pele ke ofisi ya ga molaodi go tswa kwa Mochudi.

Kgosi o boletse fa go le gantsi batho ba sa tseye pina ya setshaba tsia a supa fa seo e se mokgwa o o siameng, o tladitse ka gore bangwe ba santse ba sa itse go e opela fa bangwe bone ba senya mafoko a mangwe mo go yone. Kgosi o tlhalositse fa pina eo e tshwanetswe go opelwa ka tsisibalo a bo a rotloetsa banni go ithuta pina eo.

Le fa go ntse jalo, o ne a leboga badirela puso go bo ba bone go tshwanela go tla go ba tsibosa ka ditirelo tsa bone ka go farologana, a tlhalosa fa seo e le tsamaiso e e siameng fela thata. Kgosi Ntshole o tlhalositse fa moono wa diphuthego tseo  ele go itsise le go ruta setshaba ka mananeo le tsamaiso tsa puso mme a rotloetsa morafe go tsenelela diphuthego tsa mofuta oo.

Fa a tswa la gagwe mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgatleng Mme Mosetsanagape Busang o tlhalositse fa ba tsile go lekola morafe le gone go bona gore a ditlamelo tse ba di fang setshaba di goroga sentle.

O tsweletse a re diphuthego tsa mofuta o di tla ba thusa go itse gore ba tokafatse ditirelong tse ba di fang setshaba fa kae a supa fa le dikgwetlho di ka nna teng ba ka kgona go di lwantsha .

Fa a ba tsibosa ka tsa lephata la gagwe mogolwane go tswa kwa ofising ya kwadiso matsalo, dintsho le manyalo Mme Boikhutsho Shawe  o supile gore fa e  sa le kgwedi ya Moranang e rogwa tona wa  tsa pereko le selegae Rre Peter Siele o boletse fa ba emisitse dituelo tse ba neng ba di lopa mo setshabeng fa ba kwadisa matsalo le go dira dikarata tsa Omang. A re go emisa dituelo mo go tla tswelela go fitlhelela ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Mopitlo, a supa fa ba lemogile fa Batswana ba le bantsi ba sena madi.  O  kopile banni ba Morwa go dirisa sebaka seo go dira dikarata tsa Omang le go kwadisa matsalo.

E rile a itebaganya le kgang ya dikarata tsa Omang Mme Shawe o supile fa a tshwenngwa ke batho bangwe ba a tlhalositseng fa ba dira dikarata tseo mme morago ba di tlogela fela kwa ofising ya bone ba sa tle go di tsaya.

A re mo nakong eno dikarata tse di sa tsewang ke beng di  1147 a kaya fa palo eo e le kwa godimo fela thata mme a rotloetsa setshaba go ikgolaganya le ofisi ya bone go ya go tsaya dikarata tsa bone, a kaya fa ngwaga ono e le wa ditlhopho mme karata ya Omang ele yone konokono mo go tlhopheng.

Mme Shawe a re go simolola kgwedi eno e le lesome le bone go fitlhelela e le lesome le borobabobedi, diofisi tsa bone di tla bulwa ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bosupa go fitlhela ka nako ya borataro fa gare ga beke, fa ka mafelo a beke gone ba tla bula ka nako ya boferabobedi go fitlha nako ya bone mo maitseboeng. O kopile setshaba go ikgolaganya le ba ofisi ya bone go fiwa ditirelo gore ba nne le seabe mo ditlhophong tse di tlang.

Mme Shawe o tsweletse a tlhalosa fa ba na le bana ba tirelo setshaba ba  keletso e le go ba anamisang le metse yotlhe ya Kgatleng ba itebagantse le matshwenyego a maphata go fefosa  go thusa setshaba.

Fa ba kgwa badirela puso kgaba, banni ba ne ba lebogela phuthego eo mme bangwe ba ne ba supa matshwenyego ka ditirelo dingwe tse ba di fiwang. Mongwe wa banni Rre Opakile Setlhabi a re o tshwenngwa ke magodu a kaileng fa a ba jela dikgomo mme morago ga moo ba  gololwe kwa kgolegelong go letela tsheko kwa ntle, a kaya fa  seo se oketsa borukhutlhi.

Mo go tse dingwe o kopile molaodi go sekaseka kgang ya banana ba a tlhalositseng fa ba isa borra-bana kwa ga mmakaseterata go tlhokomelela bana mme morago ga madi a teng a sa dirisediwe go tlamela bana. A re banana ga ba tlhokomele bana ba bone.

Rre Ketshabile Kwapa ene o supile fa mananeo a banana a le mantsi mme ba le bantsi ba santse ba le mo motseng ba sa dire sepe. O kopile ba ba lebaneng go rotloetsa banana go inaakanya le mananeo ao.

A re o tshwenngwa gape ke badiri ba ba tsamaisang lenaneo la nyeletso lehuma a tlhalosa fa ba palelwa ke go lekola batho ba ba filweng mananeo ao gore ba dira sentle kana jang, a kaya fa seo se tla phutlhamisa maiteko a puso a go namola Batswana mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2014