Bogodu bo keketse
18 May 2014
Kgosi wa Tewane kwa kgaolong ya Legare, Mme Kerapetse Kalanke o boletse fa a tshwentswe thata ke bogodu jwa leruo jo bo golelang pele mo motseng wa gagwe.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kalanke a re leruo le le amegang thata mo bogodung jo ke dikgomo le dipodi. Mme Kalanke o tlhalositse fa leruo le, le gatelelwa le bo le bolaelwa kwa nageng fa le ile go fula ka fa gongwe go fitlhelwa matlalo a dikgomo tse di sa bolong go batliwa mo sekgweng.
A re dipelaelo ke gore beng ba dibuchara ba na le seabe mo bogodung jo ja leruo gammogo le batho ba ba rekisetsang mananeo a puso a banana. A re e sale letlhoko la dipodi le kuelwa mo mananeong a nyeletso lehuma, bogodu jwa tsone bo ile magoletsa mo motseng.
Mme Kalanke a re o tshwenngwa thata ke go bo ba opela pina e le nngwe mme go sena maduo a a tswang, a re o ikuetse mo go ba sepodise go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le dipego tse ba di amogelang. Mo go tse dingwe kgosi a re ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi le le ba apereng mo motseng.
A re e re le ntswa motse o gola, go santse go na le tlhaelo ya metsi ka ba nosiwa ke koloi go tswa Mahalapye, e a reng e tla gane mo letsatsing. A se, e a bo e le go itaya lentswe ka le lengwe ka tlhaelo ya metsi yone e tsweletse e golela pele. O supile fa nako e tsile ya gore ba gokelelwe metsi a a lekaneng go ka nosa motse otlhe.
Kgosi a re le ntswa dipula tse di masisi kwa kgaolong ya Mahalapye di ne tsa baya balemi ba le bantsi ka fa mosing, monongwaga ba bone thobo e namagadi mo motseng wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 18 May 2014