Breaking News

Bokone Botlhaba e ipaakanyetsa ditshupo

18 May 2014

Komiti ya ditshupo ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e simolotse go baakanyetsa ditshupo tsa monongwaga tsa kgaolo eo.

Komiti e maloko a yone a akaretsang bodiredi jwa maphata  a puso gammogo le balemi-barui bangwe ba kgaolo, e ne ya tshwara phuthego kgwedi eno e le lesome le bone, e mo go yone e neng e tsosolosa dikomiti tse di itebagantseng le go baakanyetsa tiro eo.

Dikomiti tseo, tse di neng tsa abiwa ka ditiro tsa tsone di akaretsa ya go kokoanya madi, ya kanamiso melaetsa , go baakanyetsa baeng dijo le ya go kgabisa.  Tshwanelo ke gore mo phuthegong e e latelang, dikomiti di bege ka fa di tsweletseng ka teng mo dipaakanyong tsa tsone.

Ditshupo tsa monongwaga tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba di rulaganyeditswe go tshwarwa kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo le motso go fitlha ya Phatwe e le malatsi a mararo.

Fa a akgela mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba a lebagane le tsa ditlhabololo, Rre Onkokame Mafoko, o ba kgothaditse go dira go tlala ka diatla go tlhomamisa gore seemo sa ditshupo tsa monongwaga se tokafala go gaisa sa ngogola. Rre Mafoko a re diphoso tse ba nnileng le tsone ngongola, di seka tsa ba kgoba marapo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya ditshupo

Date : 18 May 2014