Breaking News

Dikereke di maoto a tshupa

15 May 2014

Kgosi wa motse wa Letlhakane Rre Baruntshi Kegapetswe o tlhalositse fa dikereke dingwe mo motseng wa gagwe di le maoto a tshupa mo go tsibogeleng ditiro tsa morafe.

Kgosi Kegapetswe o buile jalo ka Laboraro Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le bone kwa maemelong a dibese kwa Letlhakane jaaka go ne go tshwerwe segopotso sa go rapelela motse kgatlhanong le dikotsi tsa ditsela tse di diragetseng di le dintsi mo bosheng e bile di gapile matshelo a batho.

Kgosi Kegapetswe o boletse fa a tshwenngwa ke dikotsi tsa ditsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di kwa godimo. O ne gape a re o tshwenngwa ke dipolaano tsa batho, boimana jwa bana ba dikole le nnotagi  e e dirisiwang phetelela mo motseng.

O gakolotse baruti ba dikereke tsotlhe kwa Letlhakane go nna seopo sengwe ka se se ka thusa dikereke, maphata a puso, banni ba motse go bereka mmogo go ka rarabolola mathata a apereng motse oo.

E ntse e le kwa letsatsing leo, kgosi o tlhalositse fa dipalo di supa fa dikereke di feta makgolo a mabedi kwa Letlhakane mme bontsi jwa tsone di sa tsiboge le fa boeteledipele jwa motse bo kua mokgosi go di laletsa go tla go tsaya karolo mo ditirong tsa motse.

Kgosi Kegapetswe  a re go lebega go farologana ka tsela ya go rapela Modimo go dira gore dikereke tsa Letlhakane di seka tsa kgona go kopanela ditiro tsa motse. O tsweletse a re digongwana dingwe tse di ipopileng di ipitsa ka leina la kereke di a tshwenya ka go oketsega mme di sa kgone go tsenelela tiro epe e tlhokang thuso ya kereke.

Kgosi a re, “Bogologolo re ne re utlwa gotwe dikgosi dingwe di ne di koba dikereke mo metseng mengwe ka go bo di gana go sala tsamaiso ya morafe morago mme ke bona okare se se diragalang mo Letlhakane se re gwetlha go tsaya tsela eo, ke ipotsa gore go pala eng gore dikereke di kopanele tiro ya setshaba.”

Kgosi Kegapetswe a re seemo se a se bonang mo motseng wa Letlhakane se tlisa pelaelo ya gore kereke jaanong e dira se sele sa go phatlalatsa morafe go na le go o bopaganya. “Re le baeteledipele ba motse jaaka magosi re golotse morafe go rapela jaaka ba batla jaanong bothata ke gore ga ba re reetse.”

O gwetlhile lekgotla la baruti le le okametseng dikereke go bitsa morafe go tla go bua ka seemo se. A re,“Le tshwanetse la bua ka dilo tse di tshwenyang mo motseng jaaka dikotsi, boimana jwa banana, ditumelo tse di kgoreletsang bana ba dikolo go ithuta sentle le tsotlhe tse di bosula.”

O supile gore seemo sa gore dikereke dingwe di lebega di ntsha setshaba mo tseleng, se tshwentse puso, a tlatsa ka gore go utlwisa botlhoko thata go bona lefatshe le kgaogana ka bogare ntateng ya ditumelo tse di sa tsamaisaneng ntswa e le tsa Modimo tsotlhe.

A re, “Maikaelelo a me ga se go kgala tumelo ya ga ope, ke eletsa go bona re dira se eleng boammaaruri jwa ditumelo tsa rona e seng sepe gape.” Kgosi Kegapetswe o tsweletse a re, o setse a belaela gore ba ba sa kgatlhegeleng go tsenelela tiro ya go rapedisa setshaba ka maikaelelo a go fokotsa dikotsi tse di gapang matshelo a batho, ke  bone ba ba utlwalelwang gotwe ka tumelo ya bone ba tshela ka go nwa madi a batho ba ba tlhokafetseng.

“Ke a tshwenyega dikereke di tshwanetse tsa nna le seabe se se bonalang mo tirong e. Baruti ke lo laela gore le itshekatsheke mme le felele le re bitsa go tla go kopanela tharabololo ya seemo se,”kgosi a tshwaela.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti le le okametseng dikereke la Ministers Fraternal, Bishop Boitshwarelo Mopedi o boletse fa le ene a tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela, bolwetse ja HIV/AIDS ga mmogo le go runya ga dikereke tse dintsi mo motseng wa Letlhakane e bile dingwe tsa tsone di sa itsiwe ke boeteledipele jwa motse le lone lekgotla la baruti tota.

Bishop Mopedi o kgothaditse  maphata a puso, mapodisi le dikereke gore di kopanele go rarabolola mathata a a mo motseng wa Letlhakane. Rre Mopedi o kgothaditse bakgweetsi le batsamaya ka dinao go fetola maitsholo a bone mme a gakololola dikereke tsotlhe tsa Letlhakane go nna le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse.

O tsweletse a kopa gore ba sepodisi ba nne le didirisiwa tse di ka namolang batho ka bofefo mo dikotsing tsa tsela ka se se ka boloka matshelo a ba ba amegang mo dikotsing tseo.

Mookamela Mapodisi a pharakano a District NO 8 Superintendent Khumo o tlhalositse fa le ene a tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela le tiriso ya nnotagi phetelela. Supt Khumo a re monongwaga bakgweetsi ba le 337 ba atlholetswe molato wa go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng fa ba le 134 ba tshwerwe ba kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi. A re ba le 32 ba ne ba kgweetsa ntle le kelelelo, a tlatsa ka gore mo dikotsing tsa tsela tse ba di kwadisitseng mono ngwaga di le 43 go tswa kgwedi ya Hirikgong go tsena ya Motsheganong go setse go tlhokafetse batho ba le lesome.

Moruti wa Kereke ya Family of God, Mme Bonyana Mmale o tlhalositse gore go tlhoka boikarabelo le  boitsholo jo bo sa siamang ke gone go nyeletsang setshaba. O tlhalositse gore mmaba o gaketse mme o ka kgonwa fela ka thapelo.

Moruti Mmale o supile fa ele tiro ya Modimo go fodisa motse wa Letlhakane o o tlhokofaditsweng ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho. Moruti o kgothaditse morafe go ikgapha mo boleong ka ele jone bo tsisang mathata mo motseng wa bone.

E rile a tswala tirelo ya letsatsi moemedi wa lephata le le lomaganyang ditirelo tsa botsogo mo Boteti la District Health Management Team  Mme Bagele Nalebomo a leboga setshaba ga mmogo le dikereke tsotlhe tse di nnileng le seabe mo go rapeleleng motse wa Letlhakane kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di gapileng matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oarabile Mawele

Location : LETLHAKANE

Event : Thapelo kgatlhanong le dikotsi

Date : 15 May 2014