Ba mabelo a dibaesekele ba kopa thotloetso
15 May 2014
Ba setlhopha sa mabelo a dibaesekele ba ne ba etetse kgaolo ya ga Malete go kopa thotloetso, masego le matlhogonolo mo bathong ba kgaolo eo, jaaka ba tlaabo ba iteisana borathana le balekane ba bone mo metshamekong e tlang ya banana ya Gaborone 2014.
E rile a bega setlhopha se, mogolwane wa setlhopha seo Rre David Lebalelo, a tlhalosa fa ba ya go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang, go dira bontle le bokgoni jwa bone.
Ya re a amogela setlhopha seo, mothusakgosi ya Balete, Kgosi Motlhanka Mokgosi, a ba akgolela go bo ba bone go tshwanela gore ba tle go ba itsise bana ba bone ba ba tlaabong ba emetse lefatshe leno mo metshamekong e tlang ya banana. Kgosi Mokgosi o ba gakolotse go itse fa tota ba ya go tlhabana ntwa, mme go le botlhokwa go bona maduo a se ba tlaabong ba se tlhabanela.
O ne a boa a ba solofetsa kemonokeng le dithapelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso, mme a ba kopa go gakologelwa ka nako tsotlhe fa ba tlaabo bas a ikemela mme ba emetse lefatshe leno.
E rile a ntsha la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya BNOC, Mme Mpho Motlhabane, a tlhalosa fa e tlaabo e le la ntlha lefatshe leno, le tshegetsa metshameko ya selebego se se kana.
O boletse fa metshameko e, e simolotse kwa lefatsheng la Morocco, kwa sekgantshwane sa lebelo Nigel Amos, a tswang go itsewe teng.
Mme Motlhabane o boletse fa mo dikgaisanong tse, go tlaabo go na le metshameko e le masome a mabedi le bongwe, mme bana ba le lekgolo, masome a roba bongwe le bosupa ba tla a tsaya karolo mo metshamekong eo.
O boletse fa metshameko e, e tla a supa se Batswana ba leng sone, a supa fa ba tla itshupa mo metshamekong e ba sa tlwaelesegang ka yone.
A re Team Botswana e raya Batswana botlhe, a bua jalo a kopa batsadi le bana go ba fa thotloetso.
A re o itumelela gore mo setlhopheng se, gona le bana ba gaMalete, ba a dumelang ba tla diragatsa se go tweng, ‘ga eke e latelwa mosimeng’.
A re metshameko e kopanya batho, e tsisa botsogo jo bo siameng le gone go ka itshetsa ka yone jaaka dikgantshwane tse dingwe bo Amantle Montsho le Nigel Amos.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Ramotswa, Rre Thabang Keakile, o ne a ba gakolola gore ba itse gore ga ba kake ba itumedisa batho botlhe, mme ba ye go dira se ba se kgonang.
O boletse fa tshwenngwa ke banana ba ba nnang tlhogo di thata fa ba simolola go atlega, ba itsaya ka tsela e e sa tlwaelesegang. Motlotlegi Keakile o boletse fa batshameki ba tshwanetse go tlhoma Botswana kwa pele, ba itse fa ba emetse lefatshe leno.
Modulasetilo wa khansele ya banana, Rre Onkemetse Mokone, o gakolotse banana go ikgapha mo tlhakanelong dikobo le nnotagi, a bo a ba kgothatsa go itshepa gore ba ka kgona.
Rre Mokone o ba gakolotse gape fa botshelo jwa metshameko bo le bokhutshwane, mme boitshwaro jo bontle jwa bone, bo raya go le gontsi.
O ba gakolotse gore le fa ba ka atlega, ba nne ba itshware sentle le mo batsading ba bone, le gone go sala tsamaiso morago, a tlatsa ka go ba bolelela bokamoso jwa lefatshe leno bo le mo diatleng tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Pego
Date : 15 May 2014