Breaking News

Lephata la tsa mesepele ga le a dira go lekane

15 May 2014

Mogolwane mo lephateng la tsa mesepele le boagedi a re lephata la gagwe ga le a dira jaaka go ne go solofetswe mo ngwageng o o fetileng.

Fa a bua le babega dikgang bosheng ka tse lephata le di kgonneng gammogo le dikgwetlho tse le kopaneng le tsone Rre Mabuse Pule a re lephata ga le a dira mananeo mangwe a le neng le  dumalane gore le tla a dira.

A  re fa ele gore mananeo ao a  ne a setse a simolotse,  a ne a  sa fediwa,  ka jalo go tshwanetse ga tokafadiwa  bodiredi  go tlotlomatsa lephata. 

O tladitse ka gore lephata la pereko le selegae le ne la tlhatlhoba mafelo go bona ka fa a fang ditlamelo ka teng, go bereka mmogo, go tswelela ka go tokafatsa pereko gammogo le popagano.

Le fa go ntse jang, Rre Pule a re lephata le kgonne go diragatsa maitlamo  a lone mo go feng setshaba ditirelo ka go thapa batho ba ba rutetsweng go kaela setshaba kwa ba ka bonang thuso teng.

O tsweletse a re ba anamisitse ditirelo tse ba di fang setshaba le gone go simolodisa kwa go duelwang teng.

A re gape ba tokafaditse go tsibogela go thusa setshaba, ba isitse ithutuntshong badiri bangwe ba lephata mo go tsa go isa ditirelo kwa setshabeng.

Rre Pule o tsweletse a re lephata le fokoditse lebaka le motho a ka le tsayang  go dira bukana ya mosepele go tswa kwa malatsing a le matlhano go ya kwa go a mararo kgotsa a mabedi  la boa gape la fokotsa  dituelo tsa bukana eo mo baneng go tswa kwa go P269.00 go ya kwa go P100.00A re gape ba fokoditse ditlamelo tsa visa ka go dira tse di sha tse di lebaneng bajanala le bagwebi ka tsholofelo ya go tokafatsa  bogwebi le ngoka bagwebi ba mafatshe a sele.

A re ba solofela fa  go dira se ba tla bo ba tokafatsa theko ya diteemane mo Botswana.

Fa a ama dikgwetlho tse lephata le kopaneng le tsone, Rre Pule a re go tlhokafala gore lephata le bereke thata go fokotsa tshenyetso setshaba.

O boletse fa lephata le sa fitlhelela tse le neng le di ipeetse ka diteseletso tsa bonno le mebereko gammogo le visa, la bo la lebanwa ke go senyega ga didirisiwa le go tlhoka go itebaganya le  dilelo tsa babereki ka nako.

Le fa go ntse jalo, Rre Pule a re lephata  le ne le lebile go ipaakanya  le go  tokafatsa ditsamaiso tsa lone.

Mo go tse dingwe a re, ba dirile molao kakanyetso ka bukana tsa mosepele tse ba solofelang fa e tla nna molao mme o santse o tshwanetse wa  isiwa kwa palementeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 15 May 2014