'Ditlhabololo ga di dirwe go oka batlhophi'
15 May 2014
Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi, a re puso e dira ditlhabololo le go fa dithuso go tswa mo lenaneong la ditlhabololo nako le nako e seng ka nako ya ditlhopho di le gaufi jaaka bangwe ba akanya.
Tona Molefhi o buile jalo mo phuthegong tsa kgotla kwa Mmakgori le Tshidilamolomo mo kgaolong ya Borolong bosheng.
O boletse jalo fa a ne a rolela banni go dirwa ga tsela ya Phitshane Molopo/Mabule e e sa bolong go solofetswa gore e tla dirwa kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing monongwaga.
A re tsela eo ga e dirwe fela ka gore ditlhopho di gaufi, e bile a tlhalosa fa dikakanyo tsa mofuta o di latlha boidiidi, ka gore ditlhabololo di dirwa ke diphathi tsotlhe di kopane le badirelapuso, e seng phathi ya BDP e ipapaletsa ditlhopho.
Banni bangwe ba ne ba ngongorega fa gantsi dithuso le ditlhabololo di diragala thata fa ditlhopho di le gaufi, e bile di dirwa thata ke phathi e busang. Ba re selo seo se a ba tlhobaetsa, mo jaanong ba belaelang fa ba ka tswa ba bewa bobi matlhong ka tsela e ba e solofeditsweng.
Tona Molefhi o boletse fa ditlhabololo di dirwa kwa ntle ga dipharologano tsa diphathi tsa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, banni ba itumeletse tsela e e tla dirwang ka madi a kana ka P2 billion, e nang le ditsela tse dingwe tsa Moshupa, Ngwaketse borwa le botlhaba.
Ba boletse fa jaanong ba tla tshwana le ba metse e mengwe e nang le ditsela tsa sekonotere. Ba boletse gape fa dikgwebo di tla gola ka tsela e, e bile dipalamo tsa setshaba di tla etela metse ya bone ka tshosologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 May 2014