Bagodi ba itumelela diromamowa
14 May 2014
Bagodi bangwe kwa Tonota ba tlhalositse fa ba itumeletse lenaneo la puso la go abela bagodi ba ba dikobo dikhutshwane diromamowa.
Se se tla jaana morago ga gore ba utlwe puisanyo magareng ga tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae Rre Peter Siele le ba seromamowa sa Botswana mo mosong wa Labobedi, Motsheganong a tlhola lesome le boraro.
Mme Oteng Tlhagiso, wa dingwaga tse di masome a marataro le boferabobedi, a re ntswa ene a setse a na le seromamowa, o akgola puso ka kutlwelobotlhoko e e supang mo setshabeng ka kakaretso. A re o bona e le mogopolo o montle o o tla a thusang bagodi go utlwa dikgang tse di diragalang mo tikologong ya bone.
Rre Goitsemang Kelapile, wa dingwaga tse di masome a supa wa kgotlana ya Maaloso kwa Tonota, a re ene o itumetse fela thata e bile o amogela mogopolo oo ka o ntse a sena seromamowa. A re se se tlaa mo thusa go utlwa dikgang sentle ka tlhamalalo ka e bile ditlhopho di le gaufi.
Mo potsolotsong le seromamowa sa Botswana, Tona Siele o tlhalositse fa puso e bone go tlhokafala gore bagodi ba ba kwa dikgaolong ba fiwe diromamowa tse ba tla a kgonang go itlosa bodutu ka tsone ka ba nna nako e ntsi ba le nosi kwa magaeng.
O boletse gore diromamowa tse di tlaa ba kgontsha go utlwa dikgang le tse di diragalang mo tikologong ya bone. O tlhalositse gore gompieno go setse go rekilwe diromamowa di ka feta dikete di robabongwe. A re le ntswa lenaneo leo e le la bagodi, ga se botlhe ba ba tlaa amogelang diromamowa tseo ka di lebagantswe ba ba dikobo dikhutswane. ENDS
Source : BOPA
Author : Terry Bakgoeng
Location : TONOTA
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2014