Breaking News

Mmuso o dirisitse diketekete mo ISPAAD

14 May 2014

Mogolwane wa balemise kwa kgaolong ya Machaneng Mme Basetsana Bagwasi, o boletse fa lephata la temo-thuo le dirisitse P2  326. 768.80 go lema ditema di le 21540.24  ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2013/14.

Mme Bagwasi o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong gore mo ditemeng tseo, di le 4227.14 ke tse di lemilweng ka ditselana.

A re mo ditemeng tseo di le 7713.76 ke tsa mabele, tsa mmidi di  5892,  fa tsa lebelebele tsone di le 480.45,  tsa dinawa di  2674.86 mme tsa ditloo tsone di 1646.12.

Mme Bagwasi o tlhalositse fa dingwe tsa dijwalo tse di lemilweng ke balemi ba kgaolo ya Machaneng ele tse di akaretsang manoko, maphutshe, magapu, furu ya dikgomo le marotse a balemi ba ka a dirisang go dira jeme.

A re le fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lemile ka mmetela , sebe sa phiri ke dipula tse di gosomaneng ka bokete le sefako se a tlhalosang fa se bakile  tshenyo e ntsi kwa masimong a Moshopha le Maape.

O rile le fa balemi ba kgaolo eo ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhaela ga diterekere le dipula tse di phaitseng morago ga nako, gone o itumelela gore batho ba kgaolo ya Machaneng ba dirisitse lenaneo la ISPAAD go ntsha dijo tse ba tla itshetsang ka tsone le ba malwapa a bone boemong jwa go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng.

Mme Bagwasi o tsweletse ka go tlhalosetsa ba lekalana la dikgang la BOPA gore batho ba ba sa ikemisetsang go lema ka ditselana gammogo le ba ba phuagantseng masimo go ya go bereka mo Ipelegeng ga ba na go thusiwa ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa temo wa 2014/15. 

O kgothaditse botlhe ba ba kgonneng go lema go ipaakanyetsa ditshupo tsa temo thuo tsa kgaolo eo tse di tla ketekwang kgwedi ya Phatwe e rogwa go tsena e tlhola malatsi ale mararo ka go isa disupiwa tsa bone go ikgapela dietsele le dimpho.

Mme Bagwasi o kopile balemi ba kgaolo ya Machaneng go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go ikwadisetsa dipeo le go tsosolosa diterata tsa masimo go itsa loruo go senya dijwalo mo masimong.

O kgaletse beng ba dikgomo go tlhoka go tlhatlhela loruo mo masakeng mo le felelang le senyetsa ba bangwe dijwalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 14 May 2014