Breaking News

Ba Itumelela thobo ya monongwaga

14 May 2014

Rabalemisi wa Mmathethe mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa Rre Kealeboga Sentsho a re thobo mo kgaolong ya borwa e a nametsa monogangwa ka jaana balemi ba setse ba rekisa legwetla.

Rre Sentsho o buile jalo kwa Mabule ka mafelo a beke mo moletlong wa go lebogela legwetla.O ne a akgola balemi go bo ba kgonne go dirisa dipeo le menontshane e ba e filweng ka lenaneo la puso la ISPAAD.

O tlhalositse fa dipeo tse di neng di abiwa le tse balemi ba neng ba di ithekela di lemilwe sentle.

O ne a tswelela ka go akgola balemi mo kgaolong, ka ditema le palo ya balemi e a kaileng fa e oketsegile thata mo mafelong a tshwana le Leporong, Sekhutlane, Dikhukhung le Lerolwane, a tlatsa ka go tlhalosa fa seemo sa dijalo le sone se nametsa fela thata ka thobo e nnile e e botoka go feta. O ne gape a kgothatsa balemi ba kgaolo eo go lema mabele go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng, a boa a kgothatsa bana go inaakanya le maneno a puso e a ntshitseng ka maitlamo a go tokafatsa le go tsholetsa ngwao.

Rre Sentsho o kgothaditse balemi ba dijwalo tsa bone di tlhabetsweng go rekisetsa barui go sila gore ba dire dijo tsa leruo la bone.

Kgosi Morota Tiro o ne a rotloetsa balemi go sala morago dikgakololo tsa molemisi ka jaana di thusitse batho ba Mabule ka maiteko a bone go lema, ka ba bone temo e e botoka. Rre Tiro a re ba tswelele ba dira fela jalo le mo dingwageng tse di tlang go tsosolosa ngwao le gone go intsha mo lehumeng.

A re o isa malebo kwa go tautona wa lefatshe leno ka ane a ntsha taelo ya gore Batswana ba rapelele pula mme morago ba boe ba e lebogele.Mokhanselara Rre Johnson Mhaladi e ne o ne a leboga ka go rotloetsa balemi go tsaya dithuto tsa balemise tsia, ba bo ba di sala morago ka jaana ba rutilwe e bile ba itse se ba se dirang fa ba bua ka temo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keabetswe Gobatlwamang

Location : KANYE

Event : Moletlo wa go lebogela legwetla

Date : 14 May 2014